Breaking News

Emang mananeo a puso nokeng - Morupisi

05 Aug 2018

Mokwaledi wa ga Tautona gape e le mokwaledi wa khuduthamaga ya matonaa puso, Rre Carter Morupisi o kopile badirelapuso go ema mananeo le dikeletso tsa ga Tautona nokeng. 

Fa a buisa phuthego ya badirelapuso kwa Lobatse ka Labone, Rre Morupisi a re Tautona o eletsa gore puso e leke go baakanya melao le melawana e e tsamaisang ditoropo le ka mo bodirelapuso bo thusang setshaba ka teng go tokafatsa toropo gore e tsabakele jaaka pele. 

A re Lobatse ke toropo ya ditso mme maikaelelo ke go e tsosolosa, selo se a reng se tlhoka badirelapuso go nna bonolo le bopelotheri go amogela bagwebi ba ba batlang go dira dikgwebo kwa toropong eo. 

Rre Morupisi a re se, se raya gore badirelapuso botlhe ba nne le boikarabelo mo ditirong tsa bone gape mongwe le mongwe a nne motlotlo ka tiro e a e dirang, e dirwa ka boineelo le botswapelo le go ikgapha mo dilong tse di sa siamang go nna modirelapuso yo o nang le bokao go neela batho ditirelo ka nako. 

O boletse fa puso e rotloetsa makalana a a ikemetseng go tlhama ditiro a supa fa Tautona keletso ya gagwe e le go rokotsa bagwebi go tla mo lefatsheng leno ka go thusiwa ka diteseletso ka nako. 

A re go ngokela bagwebi kwa Lobatse go ka thusa go shafatsa bontle jwa toropo eo. 

A re Tautona o eletsa fa Botswana a ka tshwara diphuthego ka bontsi tsa matona mme a re Lobatse o ka thusa toropo kgolo jalo, go rutiwe beng ba dikgwebo gore dikgwebo tsa bone di batla boitshwaro jwa sebopego sefe. 

Rre Morupisi a re Tautona o eletsa gore baeteledipele ba tseye ditshwetso bale kwa ba teng, e seng gore go nne gotwe go dirwa kwa Gaborone. 

O rotloeditse badirela puso go bala bukana ya molao o o tsamaisang bodirelapuso .

 A re go bereka morago ga dinako tsa tiro tse di dumalanweng ke mmereki le mohiri, mmereki a duelwe mme go seka ga tsaya nako e telele.

O kopile badirelapuso go fefosa go thusa batho ka mowa o montle gore ba tle ba eletse go boa gape.

Re Morupisi a re puso e eletsa gore banyalani ba ba berekeng kgakala le malwapa a bone, ba ikopele go atamela banna kana basadi ba bone mme se ga se patelediwe. 

Fa a leboga, mokwaledi wa khansele ya Lobatse, Mme Boikhutso Matenge o ne a lebogela molaetsa wa ga Tautona a bo a kgothatsa badirelapuso go bala melawana ya khiro. BOPA

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : phuthego ya badirelapuso

Date : 05 Aug 2018