Breaking News

Mapodise a tshegeditse babelaelwa ba supa mabapi le molato wa polao

02 Aug 2018

Mapodise a Sejelo a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng rre mongwe a rapaletse mo bodibeng jwa madi ka Matlhatso kwa marekisetsong a bojalwa a 4040 kwa Kanye.

Fa a bua mo potsolotsong , Mookamela mapodise a Sejelo mo Kanye, Rre Mogomotsi Matlapeng, a re ene ya re Kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a masome a mabedi le borobabobedi ba begelwa fa go bonwa rre a rapaletse fa fatshe ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya lesome le motso.

Rre Matlapeng o tlhalositse fa ba ne ba tsibogela tiragalo eo mme ya re ba tsena koo ba fitlhela go le boammaaruri rre mongwe a le mo bodibeng jwa madi go lebega a tlhabilwe ka sengwe se se bogale mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Kanye Adventsist Hospital kwa a fetileng a tlhotlhobiwa ke ba bongaka ba ba rurifaditseng fa a tlhokafetse.

O tlhalositse fa ba ne ba tswa letsholo la go batla ba dira molato mme ya re Phukwi a tlhola malatsi a le masome a mararo le motso ba longwa tsebe ke bangwe mme ba latedisa motlhala ya re Phatwe a tlhola letsatsi ba kgona go tshwara babelaelwa ba le supa.

Rre Matlapeng a re babelaelwa ba dingwaga tse di magareng ga lesome le botlhano go fitlha ko go tse masome a mabedi le bobedi, a tlatsa ka go re botlhe ba tlholega mo Kanye.

O tlhalositse fa ba belaelwa ba santse ba tshegeditswe fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

O ne a rotloetsa setshaba go re fa ba na le tlhoka kutlwisisanyo go ikgolaganya le ba ba maleba go ba thusa ka dikgakololo go na le go tsaya ditshwetso tse di ka ba tsenyang mo thaelong.  A re ntwa kgolo ke ya molomo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 02 Aug 2018