Breaking News

Monana o ipelafatsa ka poko ya setso

02 Aug 2018

Banana ba tsweletse ka go dirisa ditalente tsa bone ka go farologana go itshetsa ga mmogo le go supa bokgoni jwa bone. 

Rre Loago Timothy wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa wa motse wa Mmathethe mo kgaolong ya borwa o tsweletse sentle ka go itshupa bothakga ka talente ya gagwe ya poko. 

Rre Timothy a re o sale a kgatlhegela go boka a santse a le ko sekolong se segolwane ka a ne a na le ditsala tse di ratang poko ga mmogo le bodiragatsi jwa motshameko wa drama, mme seo sa nna toro ya gagwe gore a tswelele pele a ntse a diragatsa ka e bile a rata puo ya Setswana le go tshameka ka mafoko. 

A re morago ga go fetsa dithuto tsa dikolo tse dikgolwane kwa Gaborone, o ne a bona gole botoka go ka ipapatsa go boka mo meletlong e le nngwe tsela ya go dira madi go itshetsa. 

“Poko ke nngwe ya bodiragatsi jo bo saleng botswa goo lowe, e bile go boka go ka supa boitumelo, ngongorego kana thuto. 

Gape fa ole mmoki o tshwanetse wa tlhopha leboko le le tsamaelanang le morethetho wa moletlo ga mmogo le boleng jwa motho kana sengwe fela se o eletsang go se boka, ka nako e e rileng”, ga tlhalosa Rre Timothy O boletse fa a rata poko ya bogologolo ka e sa patiwa ka diletso dipe, ka jalo fa ole motho yo o reetsang ka tlhwaafalo o nne le sebaka sa go tlhaloganya tota gore mmoki o bua ka eng ka nako e ntsi go dirisiwa puo e e bofitlha kana Setswana se se tlhokang tlhaloso. 

A re o rata go boka a dirisa seditse le tlhobane, mme o itumela thata fa gona le mogolokwane wa motia. 

Rre Timothy a re, mo pokong ya maloba mmoki o ne a ikgethela boremelelo ja leboko la gagwe mme a itebaganye le seo a sa tswakanye melaetsa e e farologaneng. 

“Gore o gole mo mererong ya bodiragatsi kefa o bereka le badiragatsi ba bangwe, e bile ke yone nako ya go ithuta fa o tlhaelang teng, ka jalo nna tota ke dirisanya le baboki ba bangwe go ithuta ka Setswana se re moroto wa osi ga o ele”, ga bua Rre Timothy. 

A re o setse a kile a tsenelela dikgaisano tsa bodiragatsi tsa ga Tautona tsa poko mo dingwageng tse di fetileng mme a tsaa maemo a boraro mo dikgaisanong tsa kgaolo ya borwa. 

Mo nakong ya gompieno a re o tsweletse ka go rutuntsha bana ba dikole tse di potlana ka bodiragatsi jwa poko gammogo le jwa motshameko wa drama. 

Rre Timothy a re morotloetsi mogolo wa gagwe ke Rre Sengwato Rampha yo e leng moeteledipele wa setlhopha sa bodiragatsi jwa drama ya Gaga-Jwa-Pharing kwa Gaborone. 

A re o leboga thata Rre Sengwato ka go nna le seabe mo kgolong ya gagwe. O ne a rotloetsa banana go supa bothakga jwa bone le go dira ka natla mo go tse ba di kgonang bogolo jang ka mo dinakong tsa gompieno talente e kgona go tshetsa motho go gaisa le ene yo o berekang tota. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Mmathethe

Event : Potsolotso

Date : 02 Aug 2018