Breaking News

Ditiro tsa ditlhabololo di tlhoka kitso le ditsompelo

02 Aug 2018

Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe o gateletse boammaruri jwa gore mo lenaneong la go dira ditiro tsa ditlhabololo, go na le seabe se se abelwang banana. 

O buile jalo a tsibogela dikakgelo tsa morafe mo phuthegong kwa kgotlaneng ya Bokaa mo Mahalapye bosheng.

Rre Molefe a re le fa go ntse jalo go botlhokwa gore banana ba ba eletsang go abelwa ditiro tsa ditlhabololo ba phuthe tsotlhe tse di tlhokwang gore ba kgone go fetsa ditiro tse ba di fiwang. 

“Go nna le ditsompelo le kitso ya go dira tiro e o e abetsweng ke selo sa botlhokwa.” 

Rre Molefe o tlhalositse gore ditiro tsa ditlhabololo jaaka dikago tsa diofisi le ditsela di tlhoka ditsompelo le boitseanape ka jalo o gakolotse banana go ikopela ditiro tse ba dumelang gore ba ka kgona go di dira ka botswapelo. 

A re go botlhokwa gore banana ba dirise sebaka se ba se filweng ka botlalo. A re go fiwa tiro o sena didirisiwa le kitso go busetsa morago ka gore bokete jwa madi a tsewa ke go hirisa didirisiwa le go thapa ba ba nang le kitso ya go dira tiro. 

O tsweletse a rotloetsa banana go ema ka dinao, ba supe fa ba na le boikarabelo jwa go goga lefatshe. Rre Molefe o supile botlhokwa jwa go lemoga le go tlotlomatsa tiro ya boitlhaopo e e dirwang ke maloko a komiti ya ditlhabololo.

“Ba dira tiro ya botlhokwa ya go etelela lenaneo la ditlhabololo tsa motse,” ga tlhalosa Rre Molefe. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya BOXHOMO (Bokaa, Xhosa le Mowana), Rre Onkarabile Shatera o ne supa gore maloko a komiti a dira ka natla go tlhabolola motse wa Mahalapye ka jalo a re go botlhokwa gore ba lemogiwe ka go abelwa ditlankana fa lebaka la thomo ya bone le wela. 

Rre Shatera are ditlankana tsa kakgolo di ka thusa gore motho a ipatlele ditsela tse dingwe tsa go itshetsa. 

Rre Orelebile Baatweng a supile fa a tshwenngwa ke gore poso ya Mahalapye e emisitse lenaneo la gore bagodi ba amogelele mo dikgotlaneng ka jalo seo se dira mosuke kwa posong le gone go sokodisa bagolo ka ba tsaya nako e ntsi ba letile. 

Mme Mary Keitebale o supile fa a tshwenngwa ke bana ba ba sa tseneng sekolo sentle bangwe ba bone ba felele ba inaakantse le go dirisa ditagi jaaka motokwane. 

Mme Keitebale are motokwane o tshwanetse wa emelwa ka dinao fela jaaka gone go dirwa mo malatsing a maloba ka majalwa mangwe, a tlatsa ka gore kothao ya thupa e ka thusa thata go bepisa  seemo se. 

“A moretlwa o lele mo go botlhe ba ba inaakantseng le ditagi, mogolo kgotsa ngwana.  Ke tshwenngwa thata ke gore ba diiwa ke ditagi ka jalo ba palelwa ke go dirisa mananeo go tokafatsa matshelo a bone,” ga tlhalosa Mme Keitebale.

Mopalamente Molefe o tlhalositse gore thulaganyo ya go amogedisetsa bagolo kwa dikgotlaneng e santse e tsweletse, ka jalo phetogo e e dirilweng ke poso ya Mahalapye ke ya nakwana ka gore ba santse ba tlhaelelwa ke didirisiwa. 

Le fa go ntse jalo Rre Molefe are phoso ee dirilweng ke go tlhoka go rerisa baeteledipele jaaka VDC le Magosi ka phetogo eo. 

O tsweletse a supa gore botlhoka tsebe ke sengwe se se tshwentseng Batswana ka kakaretso ka jalo go le botlhokwa go gagamatsa dikatlholo. 

Rre Molefe a kwathao ya thupa ke sengwe se morafe o eletsang gore se busediwe ka ba dumela e latlhisa motho mekgwa e e fapogileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Aug 2018