Breaking News

Tshwaragano e ka fedisa bogodu jwa loruo

02 Aug 2018

Mookamela mapodisi a Kgalagadi Senior Superintendent Makgophe Oageng o kgothaditse banni ba kgaolo eo go ema ka dinao ba tshwaragane ka seo se ka thusa mo go fediseng bogodu jwa loruo jo bo gaketseng thata mo kgaolong. 

Senior Superintendent Oageng o buile kgothatso e kwa motseng wa Omaweneno mo thuto seka dipuisanyong tse di neng di rulagantswe ke ba Mosako Cluster le ba sepodisi sa Tsabong. 

Ba ofisi ya matlhoko a loruo le ba khansele mo lekalaneng la matimela mo Tsabong ba ne ba tseneletse dithuto-puisanyo tseo go tlhalosetsa barui ka molao wa matimela le matlhoko a loruo le tsotlhe tse di amang loruo. 

Setlhogo sa letsatsi leo e ne e le ‘Tshwaraganelo Twantsho bogodu jwa loruo go ya ngwageng wa 2036.’ Mookamela mapodisi a Kgalagadi o ne a supa batsadi bangwe ka monwana a kaya fa ba bipa mpa ka mabele ka go tlhoka go bua nnete le go fa bosupi bo bo papametseng ka nako ya tsheko a kaya fa seo se na le seabe mo go tshololweng ga dikgang tsa bogodu kwa makgotla tshekelong, tse di bakwang gantsi ke banana. 

O boletse fa loruo e le lone mokokotlo le teemane ya lefatshe leno, e bile Batswana ba ikaegile ka lone go itshetsa le gone go tokofatsa matshelo a bone mme bogodu jo bo ileng magoletsa kwa kgaolong eo bo ka felela bo koafaditse seo. 

Senior Superintendent Oageng o ne a bua a sa kgwe mathe ka barui bangwe ba ba iitlhokomolositseng loruo lwa bone ba sa lo tlhatlhele mo masakeng, 

A re gantsi barui ba aga bonno kgakala thata le meraka le gore ga ba tlhole loruo lwa bone kgapetsakgapetsa selo se a reng se rotloetsa bogodu jwa loruo jo bo tla felelang bo tlogetse barui ba iphotlhere. 

O ne a tlhagisa barui go tlhokomela badisa ba bone ka go ba duela basa tlodise ka seo se ka thusa thata mo phokotsong ya bogodu a bolela fa nako dingwe badisa ba felela ba inaakanya le tsa borukutlhi ka lebaka la go tlhoka go duelwa sentle. 

Mookamela mapodisi a Kgalagadi are se se ngomolang pelo ke gore e re le ntswa loruo lo utswiwa ka dipalo tse di kwa godimo sebe sa phiri ke gore lo felela lo sa bonwe kwa lo tseneng teng. 

Modulasetilo wa mosako Cluster kgosana Matanka Simane o boletse fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tla go buisana le barui le mapodisi go gakololana le go rutana ka maele le ditsela tse ba ka fedisang borukutlhi ka tsone. 

Kgosana Simane o ne a bolela fa gape bokopano joo e le go itsise barui ka bogodu jwa loruo mo kgaolong ya bone, go ba ruta ka molao wa matimela le dikgang tse dingwe tse di amang loruo jaaka botlhokwa jwa go tshuba le go tshwaya loruo ka nako. 

O kaile fa tshwaragano ya mapodisi,dikgosi,komiti ya barui le setshaba ka kakaretso di ka thusa mo twantshong borukutlhi ka jaana tshwaragano e ka tlisa phenyo. 

Go le pele fa a amogela baeng kgosi ya motse oo kgosi Sam Bimbo o ne a bolela fa boammaaruri e le gore bogodu jwa loruo bo bakwa fela ke banana bangwe ba metse ee farologanyeng mo kgaolong eo. 

A re maitemogelo a bone e le dikgosi ke gore banana ba metse e e akaratsang Kisa, Maralaleng ,Omaweneno, Maleshe, Maubelo,McCarthy Rust le Tsabong ke bone ba di gogang kwa pele mo bogodung jwa loruo ka ba lo utswa ka go lo amogana. 

Kgosi Bimbo o ne a ngongorega ka terata ya molelwane wa South Africa e e sa tlhokomelweng ka e na le seabe se se ntsi mo kgolong ya bogodu jwa loruo ka ba felela ba tlodisa loruo ka yone go ya lefatsheng leo. 

Mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher Tlhapi-David o boletse fa ba gatisitse dikgetsi di le masome a mane le botlhano mo ngwageng wa 2017 le 2018 go fitlha mo nakong ya gompieno. 

Supurintendent Tlhapi – David o tlhalositse fa palo ya loruo lotlhe lo lo utswilweng ka 2017 e le 44 lo akaretsa dikgomo, dihutshane. dipitse le ditonki fa ka ngwaga wa 2018 palo ya lone lotlhe lo le 142. 

A re se se utlwisang botlhoko le go feta go bonwe fela palo e e potlana mme bontsi jwa loruo bo felela bo nyelela gotlhelele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Omaweneno

Event : Thuto seka puisanyo

Date : 02 Aug 2018