Breaking News

Mabitla a dikgosi a tla a tlhabololwa

01 Aug 2018

Rre Taolo Mogobe a re mabitla a dikgosi a Mmalekwa kwa Kanye a tlaa tlhabololwa mo nakong e e sa fediseng pelo go nne tebego ya one ga e kgatlhe le ntswa a tshwere ditso tsa Bangwaketse.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Mogobe o boletse fa ba tlhamile komiti ka 2014, e maikaelelo a yone e leng go kgobokanya madi gore mabitla a tlhabololwe.

A re komiti eo, e e nang le maloko a a fetang masome a babedi, e dirilwe ka dikgosana, dikomiti tsa ditlhabolola tsa motse, lekgotla la baruti la Kanye, banana le morafe ka kakaretso.

Rre Mogobe a re, “Mabitla a go fitlhilwa bangwe ba bogosi jwa ga Ngwaketse mo go one, go fitlhilwe maburu a aneng a tswa South Africa a tshabetse mo Botswana ka nako ya mmuso wa tlhaolele, colonial missionaries, bagaka ba motse le ba bangwe.” 

A re mabitla ao, a tla a agelelwa ka lebotana gape ba tlaa aga ntlo ya motlobo wa ditso, a tlhalosa fa go tlaa bewa ditshwantsho tsa ditso, dibuka ka ditso ebile gape batho ba rutelwa ditso mo go yone, maikaelelo magolo e le go somarela ditso tsa ga Ngwaketse.

Rre Mogobe o buile fa bontsi jwa ditshwantsho tsa ditso di tla a bo di supa matshelo a sengwaketse jaaka dikgafela, ipelelo boipuso le tse dingwe, le kwa Bangwaketse ba tswang teng.

A re komiti e na le madi a a kana ka P250 000 mo letloleng, a e a dirileng ka go dira meletlo e e farologanyeng, e tshwana le Kgosi Malope II Cycling Challenge ka tshwaragano le Tsosa Motse Creations, Kgosi Malope II Dinner le Kgosi Malope II Cultural Lunch.

O buile fa meletlo e dirwa ngwaga le ngwaga e bile morafe o tla ka dipalo tse di nametseng, a tlatsa ka gore Kgosi Malope II Cultural Lunch ya monongwaga e tla a tshwarwa kgwedi ya Phatwe e le malatsi a lesome le bongwe kwa Kanye - Ledubeng Park. 

Rre Mogobe o tlhalositse fa ba eme Kgosikgolo Malope II nokeng go tsosolosa ditso le ngwao ya Sengwaketse jaaka a itlamile fa a bewa mo setilong, gore dikokomane tse di tlang di e fitlhele.

O kopile thotloetso mo setshabeng ka sengwe le sengwe se ba nang le sone gore tlhabololo ya mabitla a dikgosi e nne ya maemo a ntlha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 01 Aug 2018