Breaking News

Banni ba kgothaditswe go phepafatsa tikologo ya bone

01 Aug 2018

Banni ba motse wa Taung ba kgothaditswe go nna mo tikologong e phepa ka nako tsotlhe go fenya malwetsi. 

Fa a bua mo bokopanong jwa phepafatso tikologo mo motseng wa Taung bosheng, Kgosi Lebogang Masie o ne a supa boitumelo gore morafe wa gagwe o ne wa bona sebaka sa gore o kopane go sela matlakala mo motseng. 

Kgosi Masie o ne a supa fa go le botlhokwa gore e le banni ba Taung ba kopane go phepafatsa motse wa bone gore o lebege sentle. 

O ne a supa fa thulaganyo ya go sela matlakala e ne e ka itumedisa fa e ka dirwa gangwe fela mo kgweding. 

Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a ngongorega ka matlakala a mantsi mo motseng a metseto ya bana, a supa fa se se leswafatsa tikologo. 

O ne a tswelela a supa fa a tshwenngwa ke ditsha tse di dikgwa ebile di sa tlhabololwa, a re di ka baka borukutlhi mo motseng. 

Kgosi Masie o ne gakola banni gore motse ke wa bone, ka jalo ba tshwanetse go ikemela ka dinao go phepafatsa le go tshwaragana gore sengwe le sengwe se tsamaye sentle. 

O ne a akgola ba komiti ya ditlhabololo tsa motse, go bo ba nnile le seabe sa go aga motho le go tla ka methale yotlhe ya go bona gore ditlhabololo di a nna mo motseng. 

Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele ya kgaolo potlana ya Borwa Botlhaba Borwa, Mme Ekannamang Mokgweetsi o ne a tlhalosa fa matlakala a tshwenya ka a tletse mo motseng. 

Mme Mokgweetsi o ne a supa fa banni ba tshwanetse go tlhokomela malwapa a bone go bona gore a nna phepa ka nako tsotlhe. 

O ne a supa fa matlakala a felela a baka malwetsi a mantsi, mme seo se dire gore botsogo bo nne jo bo sa siamang. 

O ne a tlhalosa fa bangwe ba kgona go dirisa matlakala go a tsenya mo tirisong gore ba bone letseno ka one. 

Mme Mokgweetsi o ne a rotloetsa banni go tswelela ba phepafatsa tikologo ya bone ka nako tsotlhe. 

Letsatsi la phepafatso tikologo le ne le rulagantswe ke ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Taung, mme gape go ne go na le dithuto ka tsa phepafatso tikologo le gone go itshidila mmele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gogontle Sanka

Location : Taung

Event : Bokopano

Date : 01 Aug 2018