Breaking News

Mopalamente Gare o leboga batlhophi

01 Aug 2018

Mopalamente wa Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare o lebogetse batlhophi ba kgaolo ya gagwe go bo ba bone go tshwanela go mo roma kwa Palamenteng go ba emela. 

Rre Gare o ne a leboga batlhophi fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Tshwaane le masimo a Makapane ka Labobedi. 

O tlhalositse fa a le magorogo masha kwa Palamenteng mme ka jalo o simolotse go buisa diphuthego go tsaya megopolo le matshwenyego a bone go a isa kwa Palamenteng ee tlang. 

Rre Gare, yo o neng a tsaya mo go Rre Mokgweetsi Masisi, yo jaanong e leng Tautona, o ne a tlhalosetsa banni ka mengwe ya melao e e neng ya buiwa kwa Palamenteng e e fetileng, e le bokopano jo a bo tseneng dibeke di le nne fela, ga reng ga yone e le wa kgethiso dithoto kwa melelwaneng gore go seka ga diega fa dithoto di tla mo Botswana. 

Molao o mongwe ke wa ditagi gore Batswana ba ikgaphe mo ditaging, tse a boletseng fa di senya bokamoso jwa batho, segolobogolo banana. 

O mongwe molao ke wa go dira dikarata tsa Omang gore mo gompienong go seka ga diega jaaka pele. 

O ne a bolela fa bangwe ba dirisa Omang botlhaswa le ditiego tse karata e di tsayang go o dira. 

Fa ba mokgwa dikgaba, banni ba Tshwaane ba kopile gore kgotla ya bone e thatlosiwe maemo gore e kgone go sekisa ebile e nne le mapadisi le bakwaledi. 

Ba boletse fa lenaneo la dipudi le rotloetsa bogodu, ba bolela fa bangwe jaanong ba utswa leruo mo go feteletseng. 

Ba re banana bangwe ba a utswa ebile ba setse ba na le meraka fela. 

Ba buile gape gore bana ba bone ga ba ithute le gore ba bangwe ba tshaba dikole, fa bangwe kwa Moshupa ba lofela sekolo, mme ebile le batsadi ba bone ba sa tlhole. Ba boletse ka tlhaelo ya metsi mo motseng wa bone. 

Kwa masimong a Makapane gone, banni ba ne ba itumelela gore loeto lwa mopalamente go tsaya megopolo mo go bone. Ba masimo a Dilokwane, ba tlhalositse fa ba beilwe ka fa mosing le mororo ba tlhophile jaaka ba bangwe. 

Ba masimo a Gamokalakana le bone ba sa lemogiwe, fa ba Matotshane ba re ba batla lenaneo la Ipelegeng. 

Rre Sephaphanyane Rakwetla o boletses fa leruo la bone le bolaiwa ke setlhatshana sa mogau, ka jalo a kopa thuso gore segolo go agalelwe fa se leng teng. 

Ba boletse gape fa ditsela tse di tswang mo masimong a bone di sa siama le mororo ba batla go isa dijo kwa madirelong, go rekisa le go ipapatsa mo baleming ba bangwe. Rre Gare o ne a patilwe ke badirelapuso ka go farologana ba ba nankotseng mananeo a puso ka bophara le go araba dipotso dingwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Aug 2018