Breaking News

Ba Mascom ba fetola matshelo

01 Aug 2018

Rre Derick Lehutso o lebogile kompone ya Mascom go fetola botshelo jwa gagwe ka go mo thusa go simolola kgwebo ka lenaneo la Mascom Kitsong Centre.  

A re fa e sale a bulelwa kgwebo ke kompone eo ka kgwedi ya Phalane ngwaga o o fetileng, lehuma ke selo sa maloba gonne ga a kope ope sepe.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Lehutso wa dingwaga tse masome mararo a re maikaelelo a kgwebo ya gagwe, ke go tlisa ditirelo tsa Mascom mo morafeng wa Kopong.

O tlhalositse fa ditirelo tsa Mascom di akaretsa go rekisa airtime, go sega sim card le go abela moreki kitso ngwe le nngwe e a e tlhokang ka kompone eo.

A re ba mo file caravan e goketswe motlakase, dibalamakgolo tse pedi, le motshine o o ntsifatsang dipampiri.

O tlhalositse fa kompone eo gape e ne ya mo isa dithutong tsa go tsamaisa kgwebo lobaka lwa dibeke tse tharo kwa Gaborone.

Rre Lehutso o buile fa botshelo jwa gagwe bo fetogile fa e sale a simolola kgwebo e. 

A re o thapile monana a le mongwe fa yo mongwe a ithaopile fela e le tsela nngwe ya go ithuta go tsamaisa kgwebo.

 O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e mo godisa tlhaloganyo, mme e bile a setse a na le dikitso ka go farologana le maele a go rarabolola dikgwetlho tse a kopanang le tsone e le mogwebi.

Rre Lehutso o buile fa go tsamaisa kgwebo e se dinyana ka jaana go batla motho o o nang le keletso ya go gola le go fetola botshelo jwa gagwe.

“Kgwebo yone ka bo yone ke kgwetlho, ka jalo ke kopa banana ba ba nang le keletso ya go simolola dikgwebo go tla ka metlhale ya go tsamaisa dikgwebo tsa bone gore di seka tsa phutlhama,”a tshwaela.

A re bangwe ba tsena mo dikgwebong ba na le tsholofelo ya go dira madi, mme a tlhalosa fa motho a tshwanetse go itse fa kgwebo e simolola e tsenya letseno le le botlana, mme morago e gole.

“Bontsi jwa banana fa ba bona kgwebo e sa tsenye letseno le nne ba le solofetse, ba a itlhoboga morago ba tlogele dikgwebo di phutlhama.”

 Rre Lehutso o rotloeditse banana ba ba mo dikgwebong go tshela ka tumelo ya gore boitshoko bo tsala phenyo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : Kopong

Event : Potsolotso

Date : 01 Aug 2018