Breaking News

Monna o thudilwe ke koloi kwa Makopong

01 Aug 2018

Monna wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro o tlhokafetse morago ga go thulwa ke koloi kwa motseng wa Makopong mo kgaolong ya kgalagadi borwa.

Motshwarelela mookamela mapodisi wa Werda Inspector Moarabeng  Gaborone o tlhalositse mo potsolosong gore tiragalo  e ba e begetswe ka Labone wa beke ee fetileng.

Inspector Gaborone o tlhalositse fa monna yo o a thudilwe ke koloi ya modiro wa Toyota Hilux    e e neng e tswa kwa Tsabong go  ya  Werda  jaaka a ne a leka go kgabaganya tsela mo gare ga motse kwa Makopong.

O tlhalositse gore morago ga go begelwa kotsi eo, mapodisi a ne a ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng mme ba feta ba  ragosetsa monna yoo  kwa kokelwaneng ya Makopong kwa ba fitileng ba mo  romela kwa sepateleng sa Tsabong  kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse.

Rre Gaborone are serepa sa moswi se sa ntse se le kwa setsidifatsing sa kokelo eo  go tlhatlhojwa ke ba bongaka  fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo.

O boletse fa kgetsi eo e le  ya ntlha  go e gatisa mo ngwageng ono fa e sa le o simologa, mme o ne a kopa bakgweetsi go kweetsa ka kelotlhoko, go obamela matshwao a tsela le gone go kgweetsa ka lobelo le le  kwa tlase  ka nako tsotlhe  bogolo jang fa gare motse go ipaakanyetsa go hema ditiragalo tsa mofuta oo.

Inspector Gaborone a re e tla re mo bogaufing mokgweetsi wa koloi eo a itshupe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa a ka bonwa molato o ka atlholwa madi aa sa feteng P10 000 kana kgolegelo ya  dingwaga tse di seng kwa tlase ga ngwaga tse tlhano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 01 Aug 2018