Breaking News

Madirelo a molora a tlaa tlhabololwa

01 Aug 2018

Molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Boammaruri Otlhogile a re ba tsweletse ka go tlhabolola madirelo a molora kwa motseng wa Serinane a a ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma. 

Rre Otlhogile o buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Letlhakeng-Lephepe, Rre Liakat Kablay kwa motseng wa Serinane bosheng. 

Banni ba motse oo, ba ne ba ikuetse kwa mopalamenteng wa bone tebang le ditsompelo tsa madirelo ao tse di saletseng kwa morago di akaretsa go tlhoka go gokelwa ga motlakase le metsi. 

Ba ne ba supa fa motlakase le metsi e le konokono ebile di kgoreletsa tswelelo pele ka jalo ba setse ba fela pelo ka jaana kopo ya bone e tsaya lebaka go arabiwa. 

Rre Otlhogile o ne a itsise banni fa kopo ya bone e le gaufi le go arabiwa ka ofisi ya gagwe e ntse e rwele ditlhako go ikopanya le lephata le le gokelang motlakase ga mmogo le la metsi mme ebile a kaya fa ba solofeditswe gore e tlaa re mo nakong e khutshwane motlakase le metsi di tlaa bo di gokeletswe. 

O ne a kopa banni go nna ka tsholofelo ka go sena sepe se se ka thibelang gore maitlamo a go tlhabolola madirelo ao a diragadiwe ka madi a a le teng. 

O ne a bolela fa madirelo ao e le nngwe ya a matona mokgaolong eo ebile a kaya fa e le yone fela ya mofuta o go ralala lefatshe ka bophara ka jalo e tshwanelwa ke go tsewa ka tlhwoafalo. 

O ne a kaya fa a tsile go sologela banni ba motse molemo ka go thama ditiro e le nngwe tsela ya go tlhabolola matshelo a bone. 

Rre Otlhogile o ne a tlhalosa fa madirelo ao a tsile go itsa gore banni ba dirise madi a mantsi go palama ba ya go reka melora kwa Letlhakeng le Molepolole le metse e mengwe. 

A re ka e le madirelo a magolo go ne ga bonwa go tshwanela gore a agelwe ntlo ya one a le nosi morago ga gore a kopelwe kwa sekolong mme jaanong a fudugetse kwa diofising tsa ba boipelego.

 Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa gore ba phunyediwe sediba kwa motseng oo ka ba bone leroba. 

E ne ya re go tsibogela ntlha eo, Rre Kablay a ba itsise fa leroba leo le sekasekilwe mme ebile le tlaa tswelela ka go akanyediwa ka goromente a santse a tlhaelelwa ke madi. 

O ne a kopa banni go nna ka tsholofelo ka dilelo tsa bone di itsewe ebile di tlaa arabiwa tsotlhe ka bonya ka bonya ka go se bonolo gore di ka dirwa ka nako e le nngwe ka lebaka la tlhaelo ya madi. 

Rre Kablay o ne gape a itsise banni fa dikago tsa ofisi ya ga kgosi le tsa sepodisi e le dingwe tsa ditlhabololo tse di akanyediwang ka go lemogilwe gore motse o a atologa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Aug 2018