Breaking News

Phokoje go tshela yo o dithetsenyana

01 Aug 2018

Rre Mpho Kgopiso o rotloeditse banana ba ba nang le bokgoni jwa botaki go bo dirisa go itshetsa. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Kgopiso o tlhalositse fa a godile a rata go tshwantsha ka jalo a bona go tshwanela gore a tswelele ka go dira jalo e le tsela ya go itshetsa ka yone. 

“E rile ke tsalwa, botaki jwa tsalwa, botaki bo mo mading ame. Ke pitso yame go tswa kwa Modimong ka jalo ke bone go tshwanetse go dirisa talente yame e ke e filweng ke Modimo. 

Ke tshela botaki, sengwe le sengwe se ke se bonang ke bona botaki e seng sepe gape,” ga bua Rre Kgopiso. 

Rre Kgopiso, yo e leng motlhami wa komponi ya MK Art Investment (PTY) Ltd, o boletse fa gompieno e le motaki wa tlhwatlhwa ka a ise a itsapele go diragatsa bokgoni jwa gagwe. 

O tlhalositse fa e rile ka ngwaga wa 2015 a tsenelela dikgaisanyo tsa botaki tsa ga Tautona mme a tsaya maemo a ntlha mo kgaolong a tswa ka madi a a kana ka P3 000 mme a fetela kwa legatong la makgaolakgang kwa a neng a tsaya maemo a bobedi le madi a a kana ka P12 000. 

A re ditshwantsho tse a neng a tseneletse dikgaisanyo ka tsone o ne a di rekisetsa goromente ka madi a kana ka P9 000. 

“Ke leboga Tautona go tlhama dikgaisanyo tsa mofuta o ka gore di re tiisa moko le go feta, gape ke tsela nngwe ya go re rotloetsa re le sechaba. Dikgaisano tse gape di re thusa go kopana le bataki ba bangwe gore re amogane maele le go rutana go godisa ditalente tsa rona,” a tshwaela. 

A re mono ngwaga o ne a sa tsenelela dikgaisano gore a neele ba bangwe sebaka, a tlatsa fa ngwaga o o tlang a tlaa bo a le malala a laotswe go tsaa maemo a ntlha go tswa kwa logatong la ntlha go fitlhelela kwa makgaolakgannyeng. 

O buile fa a ne a sa dira sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaola kgang tsa mophato wa botlhano mme a tseela dithuto tsa botaki maemo a ntlha (A*). 

A re o ne a bereka kwa sekolong sa Tsabong JSS e le morutabana wa Art wa nakwana. 

O tswelela a tlhalosa fa a eletsa go godisa madirelo a gagwe gore a kgone go tlhamela banana ba bangwe ditiro gore le bone ba kgona go itshetsa. 

Go farologana le bataki ba bangwe, Rre Kgopiso o tlhalositse fa bontsi jwa bone ba dirisa mofuta wa ‘illustration’, a re mofuta o, motho o leba setshwantsho mo bukeng kana golo gongwe mme a tshwantshe jaaka go ntse. 

Ntswa le ene a kgona go dira jalo, a re go le gantsi o dirisa mofuta wa Imaginations go ngoka bareki. 

A re mofuta o, o akanya sengwe fela se o ka se tshwantshang, go itlela ka setshwantsho, selo se a reng se tlhoka bopelotelele.

 “Nna ke gasagasa pente mo pampiring e ke tshwantshetsang mo go yone. Fa e sena go oma, ke e lebelela ka leitlho la botaki gore nka tshwantsha eng. Ga go motlhofo mme setshwantsho sengwe sone ke ya go tswa ka sone,” a tlhalosa. 

A re ditshwantsho tse, bontsi jwa tsone di oka bareki go gaisa tse di tshwantshiwang go lebeletswe sengwe. 

“Botaki bo monate tota, ga se mang le mang yoo bo kgonang. Fa o eletsa go nna motaki wa popota o tshwanetse wa rata tiro e ka gore go tshwantsha go a itumedisa ka nako tsotlhe go sa kgathalesege gore a bo tsenya madi kana jang.” 

O ne a lebogela ba lephata la banana kwa ofising ya Kanye le Gabane go bereka le ene nako e ntsi le kemo nokeng ya bone. 

A re go monate go bona puso e eme kgwebo ya gagwe nokeng, a re se se supa fa puso e ikemiseditse go tlhabolola matshelo a Batswana le go ba ntsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. 

O buile fa go le gantsi bareki ba gagwe e le maphata a puso ka go farologana mme le batho ba motse ba reka ditshwantsho tsa gagwe. 

Rre Kgopiso o gwetlhile banana go emela matshelo a bone ka dinao ka gore ga gona ope yo o ka tlang go ba thusa ba sa ikemele ka dinao ka Setswana se re ‘mokoduwe go tsoswa o o itekang’. 

A re go godisa kgwebo nngwe le nngwe go tshwana le tlhokomelo ya losea go tlhokana le boineelo, boitshoko, lorato le bopelotelele. O tlhalositse fa a eletsa go bona Botswana e le lefatshe le le okang bajanala ka botaki. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : Mogoditshane

Event : Potsolotso

Date : 01 Aug 2018