Breaking News

Molao ga o kganele maloko a VDC go tsenelela polotiki

01 Aug 2018

Molao o mosha o o tsamaisang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC) ga o kgatlhanong le gore maloko a komiti eo ba inaakanye le polotiki.

Fa a araba potso e e neng e botswa ke monni wa motse wa Moremi, Rre Lentswe Days ko Moremi ka Mosupologo, mmaboipelego wa motse oo Mme Pedro George a re molao ga o bue sepe ka go inaakanya le polotiki ga maloko a VDC.

A re pele go dirwa tshutiso mo molaong o o tsamaisang di VDC ka 2015, molao o o neng o le teng o ne o sa letle maloko a VDC go inaakanya le polotiki.

A re morago ga paakanyo e e neng ya dirwa mo molaong o tsamaisang di VDC, molao o ile wa seka wa bua sepe mabapi le go inaakanya le polotiki ga maloko a VDC, ka jalo go thata go kganela maloko  gore ba seka ba tsena mo polotiking ntswa molao o sa bue sepe kgatlhanong le seo.

Rre Days o ne a supa matshwenyego a gagwe ka se, a re maloko mangwe a VDC ya Moremi ba emetse ditlhopho tsa bulela ditswe tsa phathi ya BDP, ntswa ba filwe boikarabelo jwa go tsamaisa ditlhabololo tsa motse.

A re se se ka ama tiro ya bone ka gore tiro ya VDC ke ya setshaba ka jalo maloko a VDC a tshwanelwa ke go dira tiro eo ba sa supe mebala ya diphathi tsa bone. A re go tsenelela mo polotiking go ka ama le ditshwetso tse VDC e di tsayang mabapi le ditlhabololo tsa motse.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa VDC Rre Tathego Malefo o lebogetse ditlhabololo tse di dirilweng mo Moremi ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi. A re motse wa Moremi jaaka metse e mengwe mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala e ile ya fiwa madi a kanang ka P625 000.

O lebogetse puso gore ditlhabololo di be di tsweletse ka go rothegela kwa motseng wa Moremi, a re madi a a filweng motse wa bone a thusitse gore komiti ya VDC e atolose matlo a yone, gore ba kgone go bona letseno le le botoka.

O supile fa banni ba Moremi ba sa jesiwe diwelang ke tsela ya Moremi/Malaka, a re tsela eo ga e tsamaege ntateng ya go epiwa ke dipula.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa motse oo Rre Opelo Modimowaitse a re tsela ya Moremi/Malaka e dirilwe morago ga gore banni ba motse oo ba supe fa ba tlhoka tsela.

A re tsela e mo nakong ya gompieno e epegile ka gore ga e na mosele wa kgopo ya metsi ka gore e ralala masimo.

A re fa go ka dirwa mosele go bapisa tsela eo, go ka ama masimo a batho ka nako ya dipula a re ke sone se mo nakong ya gompieno tsela eo e sa tsamaegeng.O kopile morafe wa Moremi go botsa dipotso fa ba sa tlhaloganye dilo dingwe mabapi le ditlhabololo tsa motse, a re mokhanselara le VDC ba itse ka tsa ditlhabololo tsa motse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Moreri

Event : Kgotla meeting

Date : 01 Aug 2018