Banni ba Medie ba lebogela didirisiwa
01 Aug 2018
Banni ba Medie ba lebogetse lephata la banana, metshameko le ngwao go bo le ba abetse ditilo di robabobedi, thelebishini, radio, decoder ya Dstv, ditafole tse pedi, metshameko ya monopoly, chess le tafole ya snooker.
Ba re ba sale ba neetswe didirisiwa tse ka 2010 e le tsela nngwe ya go ntsha banana mo mekgwatlheng.
Mo potsolotsong, mongwe wa banana yo gape e leng motlhokomedi wa lefelo le, Rre Vincent Motlhagodi, o tlhalositse fa banana ba kgatlhegela thata thelebishene ka jaana se se supagetse ka tsela e ba neng ba tshologela go bogela metshameko ya sejana sa lefatshe ka teng.
O bile a lebogela komiti ya ditlhabololo tsa motse go bo ba ba file ntlo e ba bayang didirisiwa tse teng, a tlatsa ka gore ba ageletse lefelo le ka disenke gore ba kgone go duedisa batho go tsena mo go lone.
Rre Motlhagodi a re ba kgona go dira madi a leokwane ka go duedisa batho P2 go bogela thelebishini mme a mangwe ba a kgobokanya ka snooker.
“Mo go dueleleng Dstv, banana ba a koleka mme fa madi a sa lekane, ba tlatsa ka a snooker,” a tlhalosa.
Rre Motlhagodi a re lefelo le le ngoka le bana ba sekolo se se botlana sa Medie ka gore ba kgatlhegela chess.
“Go na le morutabana yo o rotloetsang bana ba go inaakanya le motshameko wa chess mme ga a ipone tsapa go ba ruta. Ka jalo, ditafole tse ke tsone tse ba di dirisang fa ba tshameka segolo bogolo fa dikolo di tswetswe jaana,” Motlhagodi a tlhalosa.
Leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kgomotso Motlhagodi a re ba lebogela thuso e ba e filweng ka jaana e kgapha banana mo go gobeeng ko mafelong a bojalwa le go inaakanya le ditiro tsa borukutlhi.
Mme Motlhagodi o lebogetse banni ba motse ka kakaretso go bo ba tlhokometse lefelo le ka gore ga go ise go nne le dikgetsi tsa borukutlhi le fa e le tshenyo epe fela ya dithoto. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : Medie
Event : Kabo Dimpho
Date : 01 Aug 2018



