Breaking News

Lekgotla le rutuntsha bomme

01 Aug 2018

Bomme ba ba mo dikgwebong tse di potlana ba tshwanetse go tlhatlhelelwa dikitso tsa go tsamaisa dikgwebo tsa bone e le nngwe tsela ya go godisa itsholelo ya lefatshe.

Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o buile se fa a bula semmuso thuto-seka-dipuisanyo e e neng e rulagantswe ke lekalana la Master Goya Foundation e itebagantse le go tlhatlhelela bomme dikitso tsa go tsamaisa dikgwebo tse dipotlana.

Rre Goya yo gape e leng mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo a re thuto-seka-dipuisanyo ka maikaelelo a go fa bomme maele a go tsamaisa dikgwebo tse dipotlana e botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe.

A re bomme ba tswa go lowe ba lebanwe ke dikgwetlho mme ebile ba kokonelwa ke manokonoko a botshelo ka jalo go maleba gore ba tlhatlhelelwe ka dikitso tsa go bula le go tsamaisa dikgwebo e le nngwe tsela ya go fokotsa dikgwetlho di tshwana le lehuma, le letlhoko la ditiro tse di ba aparetseng. “Bomme ke thari ya setshaba ka jalo fa o tlhatlheletse bomme o a be o tlhatlheletse lefatshe lotlhe ka e le batho ba bantsi ka dipalo mo lefatsheng,” a bua jalo.

O kaile fa puso e sa itshopara go thusa bomme ke ka moo e tsile ka lenaneo le tshwana le la merero ya bong le le itebagantseng le go thusa bomme go ipulela dikgwebo.

A re lephata la peeletso,papadi le madirelo le tshwaragane le namane e tona ya go tsosolosa itsholelo ya lefatshe, go nyeletsa lehuma le go tlhama ditiro ka jalo le ngoka bagwebi go tswa ko mafatsheng a mangwe go bula madirelo a sennela ruri gore ba kgone go tlhama mebereko.

A re lephata leo gape le rotloetsa gore dikoporase di tsewe ka tlhawafalo ka di ka godisa itsholelo ya lefatshe ka jalo a rotloetsa bomme go ikopanya mo dikgwebong tsa bone tse di farologaneng.

“Ke akanya gore re nne le dikoporase mo Palapye mme ke gwetlha banana gore ba ikopanye ba ipope ditlhopha ka dikitsokitso tsa bone tse di farologaneng mme ba bule dikoporase” a tlhalosa jalo.

O kaile fa maikaelelo a puso e le gore lefatshe le fetoge go nna tshaba e e nang le dikitsokitso.

Moeteledipele wa lekalana la banana la Youth Centre Organisation mo Palapye, Rre Thabo Dimeku o lebogile lekalana la Master Goya Foundation go bo le tshwere ka natla go simolola ka ngwaga wa 2014 mme le tsweletse ka go tlhatlhelela bomme dikitso tsa go bula le go tsamaisa dikgwebo.

A re Youth Centre Organisation e tswa kgakala e tshwaragane le lekalana la Master Goya Foundation mme mo bogompienong ba kgonne go tlhatlhelela bomme ka lenaneo la gender affairs. 

“Morago ga go lemoga fa letlhoko la ditiro le aparatse bomme le banana re ne ra dumalana ka bongwe jwa pelo gore re thuse bomme le banana gore ba kgone go bula dikgwebo ko pheletsong ba thape ba bangwe,” a tlhalosa jalo.

Fa a tswa la gagwe, moemedi wa bomme ba ba neng tseneletseng thuto-seka-dipuisanyo eo, Mme Mabel Ketlogetswe a re o itemogetse fa e le bomme ba sa tsamaise dikgwebo tsa bone sentle ka jalo dikitso tse ba tlhatlheletsweng ka tsone di ba butse ditlhaloganyo tsa go tsamaisa kgwebo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : Palapye

Event : Thuto puisano

Date : 01 Aug 2018