Breaking News

Kgogakgogano ya sediba sa Radisele e bepile

31 Jul 2018

Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o kopile bannni ba masimo a Makoro le Modoole go kopanela sediba se se neng se epiwa ke khamphani ya Sterling fa ba dira tsela ya masimo a Radisele. 

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Makoro bosheng, Rre Goya o kopile banni gore ba seka ba ithontsha tshwanelo ya gore puso e ba gokelele sediba se, jaaka fa go ne go solofeditswe. 

A re kgang ya moruthutha ka sediba e tshwanetse go fela gore puso e ba thuse gore ba se dirise go itshetsa, a tlatsa ka gore dipharologano di dia ditlhabololo. Rre Goya a re ba tshwanetse go dumalana le bontsi ka gore puso ya Botswana ke ya batho ka batho e e dumalanang le bontsi a re bontsi bo supa fa sediba e le sa morafe. 

A re palo e e potlana e e sa dumalaneng, e amogele seemo gore puso e tle e diragatse ditsholofetso tsa yone go gokela sediba. 

O gakolotse lephata la temo-thuo gore fa ba se gokela, ba se ka ba dirisa leokwane ka gore le ka sokodisa ka go fela, mme a kopa gore ba dirise marang a letsatsi ka o ne ga ana go nna a batla madi kgapeta kgapetsa. 

Mopalamente Goya o kopile banni gore ba tshwaragane, ba utlwane, go rene kagiso le thokgamo ga reng ga bone gore ba tle ba dirise sediba ka neelano. 

O gakolotse komiti e e tsamaisang sediba go bitsa phuthego go fa pego ka se se diragalang gore banni le bone ba nne le kitso ka sediba sa bone, ba emise dikgogakgogano tse di ka se keng di ba ise gope. 

Mogolwane wa tsadiso ya leruo kwa Palapye, Rre Kabelo Dintwe e ne o supile fa dikgogakgogano tse di tlaa felela di bakile gore puso e lese ka tsholofetso e e neng e dirilwe nako ya fa e adima sediba se mo go bone go se dirisa. 

A re puso e ne e rile e tlaare fa e fetsa ka sone, e tlaa ba direla tharabololo ya sennelaruri ya go se ba gokelela gore ba tle ba se itsamaisetse ka mo ba ka kgonang ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : Makoro

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 31 Jul 2018