Kgosi Tshipe o ba kopa go fa lonyalo seriti
31 Jul 2018
Moemedi wa kgaolo potlana ya Mahalapye kwa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe a re o tshwenngwa ke go wela tlase ga seriti sa motheo wa lelwapa.
Kgosi Tshipe a re ga a jesiwe diwelang ke banyalani ba ba sa tlotleng lenyalo mo go felelang go baka dipalo tse di kwa godimo tsa go thubega ga manyalo.
O tlhaloseditse BOPA gore nyalo ga e sa tlhole e fiwa tlotla e e etshwanetseng jaaka mo dingwageng tsa maloba.
A re seemo se, se bakiwa ke gore banyalani ga ba kgone go rarabolola dikgwetlho tsa malwapa a bone ka therisano jaaka go ne go dirwa bogologolo.
Kgosi Tshipe a re go tlhoka go buisana go dira gore banyalani ba palelwe ke go nna ka kagiso mme ba felele ba tsaya tshwetso ya go kgaoganya.
O supile botlhokwa jwa go itekodisa bagolo kgotsa batsadi le bape ba ba ka kgonang go rarabolola dikgotlhang a re molemo wa kgang ke go buiwa.
Kgosi Thipe o gakolotse basha go anya maele mo batsading le bagolo go nonotsha motheo wa malwapa a bone.
A re ba amogela dipalo tse di kwa godimo tsa dikgotlhang tsa manyalo mme a supa fa maiteko a tsweletse go ruta banyalani botlhokwa jwa lenyalo le go ba fa bogakolodi ka tsamaiso ya lone.
Kgosi Tshipe a re bopelotelele, boineelo le maitseo ke tsone di agang lenyalo la motia le le nang le boleng.
O tlhalositse fa lenyalo le le botlhokwa ka le na le seabe mo go ageng tshaba e e nonofileng e na le maikarabelo le seriti mme a rotloetsa Batswana go kopa thuso mo makgotleng a Setswana fa ba na le dikgotlhang mo manyalong ka se, se ka nonotsha malwapa.
Le fa le na le dikgwetlho, Kgosi Tshipe o gateletse botlhokwa jwa lenyalong mo tlholegong ya motho a re le tshwanetse la emelwa ka dinao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mompati Pilatwe
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 31 Jul 2018



