Thusang mapodisi go lwantsha ditagi
31 Jul 2018
Banni ba kgotlana ya Dilaelene 2 kwa Mahalapye, ba kopilwe go thusa mapodisi go lwantsha ditagi tse di rekisiwa mo malwapeng.
Mopalamete wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe a re le fa mapodisi ba dira maiteko a go laola seemo se, batsadi bangwe ba tsweletse ka go loga maano a go rekisa ditagi mme maiteko a sepodise a fetoge lefela.
Rre Molefe o ntshitse kopo eo, kwa phuthegong ya kgotla bosheng a re tiriso ya ditagi e tlhoka tshwaragano ya mapodisi le batsadi.
A re go a tshwenya go bona malwapa mangwe a fetogile mafelo a go jelwang ditagi teng mme beng ba o ne ba sa bone go le molato fa manwe o ne e le marekisetso a ditagi.
A re boikarabelo jwa batsadi ke go tlhokomela bana e seng go ba senyetsa matshelo ka go ba rekisetsa ditagi.
Rre Molefe o rotloeditse batsadi go ela thoko diphetogo mo boitshwarong jwa bana a re dingwe tsa tsone ke dikai tsa gore ba dirisa ditagi a re sepe se se belaetsang ka boitshwaro jwa ngwana se tshwanetse sa tlhotlhomisiwa.
Mopalamente a re molao o teng, mme batsadi ba ba tsweletseng ka go rekisa ditagi ba tlaa tseelwa dikgato.
A re ba ba fetotseng malwapa a bone go nna mafelo a go jelwang ditagi teng le bone ba tlaa otlhaiwa.
Mopalamente Molefe a re mapodisi ga ba kake ba kgona go lwantsha borukuthi ba sa thusiwe ke morafe ka o tshwanetse wa nna le seabe go kganela ditagi go tsena mo Botswana.
O gakolotse bakgweetsi go ela thoko dithoto tse ba di pegang go itsa go iphitlhela ba tshwerwe ka mephuthelwana ya ditagi tse le bone di tlaa ba tsenyang mo molatong a re bangwe ke ba ba romiwang ke barekisi go isa ditagi kwa bareking ba tsone.
“Ke lo rotloetsa gore lo seka lwa anama le ditagi ka tsela epe fela mo matshelong a lona,” Rre Molefhe a kopa.
Batsadi le bone, ba supile fa ba tshwenyegile thata ka gore bana ba felela ba tlogela dikole ba inaakanya le ditagi.
Ba supile gape gore barutabana le bone ba tshwenngwa ke bana ba ba tlhorontshang ba bangwe kwa dikoleng ba sena go ja ditagi le maduo a a welang tlase gammogo le go tlhoka botho mo setshabeng. Mogolwane wa mapodisi kwa Mahalapye, Rre Isaac Mamadi o supile fa tiriso le thekiso ya ditagi di tshwenya kwa Mahalapye.
Rre Mamadi a re go botlhokwa gore morafe o tshwaragane le mapodisi go lwantsha seemo se. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Jul 2018



