Breaking News

Ba Ngami ba tshwenngwa ke letlhoko la baoki le melemo

31 Jul 2018

Lephata la botsogo le boitekanelo le lebanwe ke tlhaelo ya bongaka le melemo kwa kgaolong ya Ngami. Se, se rurifaditswe ke mookamedi wa Ngami District Health Team (DHMT), Dr Malebogo Pusoentsi fa a araba matshwenyego a banni ba metse ya Sehithwa le Tsau kwa kgaolong ya Ngami bosheng. 

Fa a bua ka seemo sa Tsau, Dr Pusoentsi o tlhalositse fa go ne go na le baoki ba babelegisi ba le babedi, yo mongwe a iswa kgaolong e nngwe mme ga seka ga isiwa yo mongwe kwa Tsau ka go ne go lebelelelwa kwa go nang le letlhoko thata la baoki teng. 

A re lephata la botsogo ga le hire baoki ka metse mme le hira ka dikgaolo, kgaolo e bo e nna yone e isang bodiredi kwa seemong se leng maswe teng, mme a solofetsa banni ba Tsau fa seemo se tlaa baakangwa a re motse oo, o na le mooki a le mongwe le mmelegisi a le mongwe mo nakong ya gompieno. 

Dr Pusoentsi a re go na le kgwetlho ya tlhaelo ya melemo le dipilisi fa e sale puso e tsaya tshwetso ya go fa dikgaolo madi go itlhekela go na le jaaka puso e ne e reka gangwe e bo e abela dikgaolo. 

A re seo se bakwa ke gore kgaolo ya Ngamiland, e kgakala ka dikhamphani tse di rekisang melemo di le kwa Gaborone a re dikgaolo tse di gaufi, di akola go reka go na le bone a tlatsa ka gore dikhamphani tse di rekisang di na le tlhaelo ya go kgotsofatsa bareki. Dr Pusoentsi o tlhalositse fa lephata la botsogo le dira ka bojotlhe gore dipilisi tse di botlhokwa tsa malwetsi a a tshosetsang matshelo di nne teng, mme go na le tlhaelo ya tse di alafang dikai fela. 

Banni ba Tsau ba ne ba supile fa ba tshwenyega ka go tlhoka bongaka ka mooki wa bone a sale a fudusitswe ka 2015 mme ga se ka ga isiwa yo mongwe. 

Modulasetilo wa Komiti ya ditlhabololo kwa Tsau, Mme Keeng Kealeboga o ne a supile matshwenyego ka tlhaelo ya melemo kwa bookelong. 

Fa a araba selelo sa ngaka kwa Sehithwa, Dr Pusoentsi o tlhalositse fa ngaka yo a neng a bonwe a ne a tlogela tiro go ya mafulong a a matalana a re laphata le tlaa tswelela le tsisa ditirelo tsa bongaka go tswa Maun. 

O supile fa go na le lenaneo le le mo tseleng le ba botsogo ba tlaa bong ba le tshwaraganetse le University of Botswana go isa ditirelo tsa bongaka kwa Sehithwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Sehithwa

Event : Phuthego

Date : 31 Jul 2018