Breaking News

Banni ba lela ka ditsela

31 Jul 2018

Kgosi Thebe Mathake wa kgotlana ya goo-Konyana kwa Serowe o ikuetse mo mopalamenteng wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse gore dilo dingwe tse ba neng ba di solofeditswe ga di ise di dirwe. 

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Rre Autlwetse kwa kgotlaneng ya goo-Konyana bosheng, Kgosi Mathake a re ba ne ba solofeditswe go direlwa motshela kgabo le mesele ya kgopho ya metsi fa marekisetsong a Setumule mme seo, ga se ise se diragale. 

A re fa dipula di nele, kgotlana ya bone ga e tsamaege ka metsi a a bo a tletse gongwe le gongwe. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Onalenna Molokwane ene o ngongoregile ka letlhoko la ditiro, a re banana ba ba sa berekeng mo kgaolong ya bone ba bantsi. 

O kopile gore ba okelediwe dipalo tsa babereki ba Ipelegeng gore bontsi bo tsenye letsogo, mme a tlhalosa fa ba santse ba emetse didirisiwa go simolola go dira motshela kgabo kwa Setumule. 

Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Autlwetse, yo gape e leng mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae a re P10 million yo ba mo filweng go tlhabolola dikgaolo tsa bone, o tlaa dirisiwa go tlhabolola ditsela tsa Serowe Bokone. 

A re ntle le ditsela tse di siameng, ga gona babeeletsi ba ba ka tlang go dira dikgwebo mo kgaolong. 

Rre Autlwetse a re, ba dumalane gore ditsela tseo di dirwe ke bana ba kgaolo eo, fa e se fela go sena yo o nang le bokgoni mo kgaolong. 

A re temo-thuo e tshwanetse go tlhabololwa mme ke sone se go leng botlhokwa go aga metshela kgabo kwa masimong, gore balemi ba kgone go isa thobo ya bone kwa marekisetsong le go ba epela didiba gore ba nwe metsi a a phepa ebile a siametse botsogo jwa batho le gore ba ba batlang go nna kwa masimong morago ga thobo, ba seka ba bolawa ke lenyora. 

Mopalamente a re puso e tshwenngwa ke letlhoko la ditiro la banana mme a kopa banana ba ba ithutetseng borutabana, go ikopanya ba bule dikole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 31 Jul 2018