Breaking News

Barui ba gwetlhiwa go tswakanya itsholelo

31 Jul 2018

Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane a re maikaelelo a puso ke go tlhabolola ditlamelo kwa merakeng go nonotsha barui gore ba dire ka natla go thusa go godisa le go tswakanya itsholelo. 

Rre Tsogwane, o tlhalositse se bosheng kwa diphuthegong tsa kgotla kwa merakeng ya Kubi le Maditsenyane gaufi le Orapa, a re gore puso e na le maikaelelo a go tlhabolola ditsela tsa meraka le mapegelo a leruo. 

A re matlhabelo a Botswana Meat Commissiom (BMC), e ikaegile thata ka katlego ya barui mme go botlhokwa go dira ditlamelo tse di tlaa rotloetsang gore Batswana ba natefelelwe ke go nna kwa merakeng. 

Rre Tsogwane a re bogodu jwa loruo ke nngwe ya dikgang tse di tshwenyang barui mme puso e ikaelela go lwantsha seemo se a re barui le bone ba tshwaragane go lwantsha borukuthi. 

A re borukuthi jaaka tshenyetso setshaba, ke sengwe sa dilo tse di digang itsholelo ka gore madi a a lebaneng ditlhabololo a tsena ka ga reitse. 

O rotloeditse barui go loma mapodisi tsebe go lwantsha tshenyetso setshaba e e ka phutlhamisang mohama wa temo-thuo. 

E rile a itebaganya le BMC, Rre Tsogwane a re barui ba tswa kgakala ba rekisetsa khamphani eo dikgomo mme le fa go ntse jalo, dikgwetlho tse di bakang tiego ya dituelo le go reka dikgomo ka ditlhwotlhwa tse di sa itumediseng barui di dira gore ba goge dinao go rekisetsa BMC dikgomo. 

A re seemo se, se dira gore BMC e reke dipalo tse di kwa tlase tsa dikgomo. 

Go tlhaela ga dikgomo a re go dirile gore puso e ithole tsamaiso ya matlhabelo a Francistown le go tswalwa ga matlhabelo a Maun. 

Rre Tsogwane a re barui ba tswelele ka go rekisetsa BMC dikgomo a re go tsolosolosa BMC, ke mangwe a maikaelelong a ga Tautona Mokgweetsi Masisi a re go tlaa dirwa gore barui ba nne le seabe mo tsamaisong ya BMC. 

A re kgomo ke mokwatla wa itsholelo ya lelwapa a le mantsi, mme go botlhokwa gore moruakgomo a boelwe mo thekisong ya leruo la gagwe. 

Rre Tsogwane a re diphetogo tse di solofetsweng go dirwa go tokafatsa BMC di tlaa dirwa morago ga go tsaya megopolo mo setshabeng. 

“Re solofela gore le lekodise puso ka sepe se se le tshwenyang mo tsamaisong ya matlhabelo a BMC gore a tlhabololwe,” Rre Tsogwane a tlhalosa. 

A re maikaelelo a ga Tautona Masisi ke go baakanya seemo sa BMC le gore Batswana ba dire madirelo a ditswa kgomong jaaka matlalo go ntsha dithoto ka go farologana le go tlhama mebereko. Rre Tsogwane a re puso e na le lenaneo la go dira madirelo a matlalo kwa Lobatse. 

O supile fa Batswana ba tswa kgakala e le barua kgomo mme madirelo a mashi a saletse kwa morago. 

“Madirelo kana dikgwebo tsa mashi le tsone di tlhoka go godisiwa,” Mothusa Tautona a supa Rre Godisamang Mogolodi wa moraka wa Tantika o ngongoregile ka bogodu jwa leruo. 

“Le fa re kgona go etelwa ke dibatana, re tshwenngwa segolo bogolo ke bogodu,” Rre Mogolodi a supa. 

Rre Ofentse Gabolathwe ene, o lebogetse maikaelelo a puso a go tokafatsa seemo sa BMC le go rotloetsa Batswana go inaakanya le dikgwebo tsa ditswa kgomong ka go farologana. 

O supile gore diterata tsa matlhoko a leruo tse di laolang motsamao wa loruo, di onetse mme magodu a kgona go tlodisa dikgomo motlhofo. 

A re go atolosiwa ga lefelo la diphologolo la Orapa go kgaotse ditsela tse di neng di dirisiwa ke barui, mme ditsela tse disha tse di dirilweng, di sa tsamaege. 

E rile a tsibogela matshwenyego a barui, mogolwane wa mapodisi, Senior Superintendent Sarah Gabathuse a supa fa e le boamaruri bogodu bo tshwenya. 

Mme Gabathuse a re go ntse go na le setlhopha sa mapodisi a a itebagantseng le bogodu jwa loruo kwa kgaolong eo, mme letsholo la bone la kgorelediwa ke go senyega ga koloi e ba neng ba e dirisa a re mme ga ba nke ba ipone tsapa go lwantsha bogodu.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MADITSENYANE

Event : Kgotla meeting

Date : 31 Jul 2018