Kgosi Serumola o tlhomilwe
30 Jul 2018
Kgosi Masego Olebile wa Palapye a re bogosi bo tlhoka batho ba ba nonofileng ebile ba na le dikitso tse di ka itepatepanyang le seemo sa sesha.
Fa a bua mo boemong jwa motswarelela kgosi kgolo ya Bangwato Kgosi Sediegeng Kgamane mo tirong ya go tlhoma kgosi Olgas Serumola wa Mathathane, Kgosi Olebile are go a itumeditsa gore motse o bo o na le kgosi ya monana yo ebileng a kgona go bala le go kwala.
Kgosi Olebile a re mo malatsing a gompieno go tlhokega batho ba ba ka kgonang go itepatepanya le seemo sa gompieno ebile ba kgona go bala le go kwala Setswana le Sekgowa mo tirong ya bogosi.
A re maikaelelo a puso ke go bona bogosi bo tlhabologa ka go tsenya batho ba ba nang le dikitso le boikarebelo jo bo kwa godimo.
O supile fa bogosi bo tshwanetse jwa tlotlwa, jwa ilelwa mme a kopa kgosi Serumola go tshwara tiro eo ka matsetseleko jaaka moswi rragwe kgosi Richard Serumola a ne a dira.
Kgosi Olebile a re ntswa Kgosi Serumola e le monana, o tsere boikarebelo jo bo tona mo morafeng jo bo mo direleng gore a fetoge a nne mogolo mme a mo kgotlhatsa go baya tshepho ya gagwe mo modimong.
O mo kgotlhaditse gore a ile pipa molomo, a seka a gata bogosi ka dinao le go kopa morafe wa Mathathane go ema Kgosi Serumola nokeng ka nako tsotlhe.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa kgaolo ya Bobonong Rre Shaw Kgathi o solofeditse fa a tla bereka le kgosi Serumola jaaka a tshwaragane le dikgosi tse dingwe tsa metse yotlhe ya Bobirwa.
Rre Kgathi a re tiro ya kgosi e ntsi e akaretsa go ranola melao le go somarela ngwao le ditsamaiso tsa merafe .
Kgosi Solomon Pharithi wa Molalatau o kopile Kgosi Serumola go ikgapha mo dipolotiking gore a tle a kgone tiro ya gagwe sentle.
Fa a amogela thomo, Kgosi Serumola o solofeditse fa a tla a goga le morafe gore motse wa Mathathane o tlhabologe.
A re o batla go bona banana ba tsaya karolo mo dikomiting tsa motse oo, temo thuo e gola gammogo le go tsosolosa ngwao ya Sebirwa mo motseng wa Mathathane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : MATHATHANE
Event : Peo ya Kgosi
Date : 30 Jul 2018



