Kapei ya borotho e tlodisa Moyo melatswana
30 Jul 2018
E re ka bopelotelele le lorato mo go se motho a se dirang di tsala katlego, Mme Sabina Moyo o inaakantse le kgwebo ya go apaya borotho ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma.
Mme Moyo, yo o dingwaga di masome a matlhano le botlhano, o lotlegetse ba lekalana la BOPA gore e rile ka ngwaga wa 2014, a utlwalela ka lenaneo la nyeletso lehuma, a ikwadisa le ba ofisi ya boipelego mme a rutiwa go apaya borotho sebaka sa kgwedi.
Fa a sena go aloga mo dithutong tsa kapei ya borotho ka 2015, o ne a fiwa pitsa e e apayang borotho le kgetsi e le nngwe ya bopi go simolola tiro.
Mme Moyo o tsweletse ka go tlhanasela mo kgwebong ya gagwe, mo a setseng a rekile pitsa ya bobedi go lepalepana le bokete jwa tiro.
Ka 2016, a re o ne a nna lesego a fiwa tiro ya go apeela bana ba sekolo se se botlana dinkgwe di le masome a le marataro le bosupa.
Le fa a dira a le mongwe, kgwebo e ntse e tsweletse, ka a supile lerato mo go yone go tswa kgakala le pele ga a thusiwa ka nyeletso lehuma.
A re gangwe le gape o lekile go thapa badiri, mme ga seka ga kgonagala ka batho ba teng ba ne ba sena kgatlhego mo go tseneng mo kgwebong ya gagwe.
Mme Moyo o apaya marotho ka mefuta ee farologanyeng jaaka mapakiwa, le dikuku.
A re mo mosong fa a tsoga, o ikgakolola seane se se reng, nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng.
O tsweletse ka gore o tsoga ka makuku a naka tsa kgomo go duba borotho, gore ba ba yang ditirong ba fitlhele bo setse bo siame.
A re bareki ba gagwe ba akaretsa maphata a puso le baagi ka kakaretso mo motseng.
Mme Moyo o tlhalositse fa maduo a kgwebo ya gagwe a bonala ka a setse a kgonne go tlhabolola ntlo ya gagwe ya boroko, e bile o tlhokomela ngwana wa ga mmangwanagwe ka go mo tsenya sekolo ka madi a dipoelo.
O tlhalositse gore le ntswa kgwebo e tsweletse sentle, kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore ga ana mochini o o dubang borotho go tlhofofatsa tiro. O rotloeditse ba ba batlang go tsena mo kgwebong go nna pelotelele, a tlatsa ka gore mananeo a puso a mantsi mme a tlhoka badirisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thusoyaone Sechele
Location : PHITSHANE MOLOPO
Event : Potsolotso
Date : 30 Jul 2018



