Jeme ya lerotse e ogola Mokgojwa mo lehumeng
30 Jul 2018
Bonatla le lorato la se motho a se dirang di ka ntsha maduo ebile di ka godisa baba nang le keletso ya go iketsha mo lehumeng.
Se se tlhalositswe ke Mme Gakekaelwe Mokgojwa wa motse wa Salajwe yo o itshetsang ka go dira jeme ya lerotse.
Mo potsolotsong, Mme Mokgojwa o tlhalositse fa e le mongwe wa baba neng ba nna lesego go tlhophiwa ke ba ofisi ya boipelego go ya dithutong morago ga ba sena go lemoga gore ke senatla mo go itireleng ka diatla.
A re bonatla jwa gagwe ba bo lemogile ka a ne a itshetsa ka go lema merogo mo segotlong mme a e rekise mo motseng le go e isa kwa ditshupong tsa temo thuo tsa ngwaga le ngwaga tsa kgaolo ya bone.
O tlhalositse gore o ne a bona maduo a a kgotsofatsang kwa ditshupong a re bonatla ja gagwe ke jone bo mo thusitseng go isiwa dithutong tsa go dira dijo le tshomarelo ya tsone kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa BUAN kwa Sebele ka ngwaga wa 2013.
Mme Mokgojwa a re ke gone kwa a anywileng botsipa ja go dira jeme ya lerotse teng e mo nakong eno a itshetsang ka yone ntswa a tsweletse le ka go lema merogo.
A re jeme ke dijo, ka jalo go botlhokwa go netefatsa gore lefelo le e direlwang mo go lone le phepa e bile megare e bolailwe mo didirisiweng tsotlhe tse di dirisiwang mo tirong e o.
Mme Mokgojwa a re o ikaelela go kgaogana botsipa jo le bomme ka ene mo motseng ka go ba rutuntsha gore le bone ba tokafatse matshelo a bone.
A re ke keletso ya gagwe go tsweledisa dithuto tse tsa tshomarelo ya dijo ka a re o nyoretswe go ithuta go le gontsi.
A re dipoelo tsa thekiso ya jeme di mo thusitse go menaganye ka ga ba wele mo isong ene le ba lelwapa la gagwe ka di mo thusa gape go ipega a ya bongakeng ka a tlhalositse fa a tshwenngwa ke bokoa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Montshwari
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 30 Jul 2018



