Breaking News

Banana ba akgoletswe go tsaya karolo

30 Jul 2018

Mogolwane mo lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao Rre Geoffrey Gare o akgoletse banana ba Mochudi go bo ba tsere karolo mo lebelong la banana la Mochudi Winter Half Marathon le le neng le tshwerwe ka Matlhatso kwa Mochudi. 

A re go bona banana ba Kgatleng ba kopane ebile ba ikiteile sehuba go lwantshana le botlhoka tsebe jo bo mo kgaolong ya bone go supa fa ba kgathala ka kgaolo ya bone.

Rre Gare a re go tsaa karolo mo lebelong le go kaile fa popagano le tshwaragano di ka thusa fela thata go lwantsha botlhoka tsebe mo kgaolong. 

O ne a tswelela a tlhalosa fa Bakgatla e le mongwe wa merafe e e itlotlang ka jalo banana ba tshwanetse go itlotla gore ba fe kgaolo ya bone seriti. 

Rre Gare o ne a akgolela batsamaisi ba lebelo la banana la Mochudi Winter Half Marathon a re se se supa fa ba ikemiseditse go bona kgaolo ya bone e  tswa  mo maibing a botlhoka tsebe. 

O ne a rotloetsa banana ba ba neng ba tsere karolo le ba ba fentseng gore ba tswelele e nne sekao mo bananeng ba bangwe le gore ba ba ngoke go tsaya karolo ngwaga o o tlang. 

A re banana ba tswelele ka tiro e ntle e ba e dirileng, gape ba dirise mananeo a lephata la gagwe ka e le a bone gore a ba tswele mosola. 

Motlhami wa lebelo Rre Ernest Kopong le ene o ne a akgola banana ba ba tsereng karolo mo lebelong le ka e ne e  le lantlha le tshwarwa mo Mochudi. 

A re dipalo tsa ba ba tshologetseng ka lebelo leo, go supagala fa ba tshwentswe ke dipolaano le botlhoka tsebe mo kgaolong ya bone.

Rre Kopong a re o ne a tlelwa ke mogopolo  wa go tlhama lebelo e le tsela ya go ngoka banana go tla go bua ka matshwenyego le ditsela tse ba ka di dirisang go lwantsha le botlhoka tsebe jo bo mo kgaolong ya Kgatleng. 

A re o ne a rekisetsa moono wa gagwe le  bangwe banana ba kgaolo mme ba nna le kgatlhego ya go tsaya karolo. 

“Moono ke gore re fane maele a go dira Kgatleng lefelo le le babalesegileng re emise botlhoka tsebe mo kgaolong”, Rre Kopong o tlhalositse jalo.  

Rre Kopong a re lentswa morogo wa ngwana o sa tlhotshwe ditlhokwa, ba itumeletse kemo nokeng ya banana ka  karetso ka ba kgonne go atlega. 

O ne a tlhalosa fa batla ikitaa sehuba mo ngwageng o o tlang ka ba tla bo ba le tlhabolotse e bile go na le mabelo a mangwe. 

Modulasetilo wa Khansele ya Kgatleng Rre Mpho Morolong le ene ne a iteela batlhami ba lebelo legofi a re se ke maiteko a mantle. 

A  re se se supilweng ke banana ba se supa fa e le ruri banana ba na  le bokgoni jwa go ka etelela pele ka gore ba ka ngoka banana ba bangwe go dira tse dintle. 

“Ke itemogetse gore banana ga se babusi ba kamoso, mme e le babusi ba gompieno ka gore le tlhaloganya sentle se se ratiwang ke banana ba bangwe mme ngwe ya sekai ke lebelo le,” ga bua Rre Morolong. 

A re dikgang tsa botlhoka tsebe le tsa dipolaano tse di mo kgaolong di ba tshwentse e le boeteledipele mme lebelo le le thusitse ka le tsile go thusa go aga kgaolo.

O ne a tswelela gape a tlhalosa fa go le gontle go kgobokanela tiro e ntle e ka e ema kgatlhanong le botlhoka tsebe le go emisa dipolaano tse di diragalang mo kgaolong ya Kgatleng.

Rre Morolong o ne a tswelela a kgothatsa banana go tswelela ka tiro e ba e dirileng a re ba tswelele ka go nna ba tshwara lebelo le ka le tsile go fetola kgaolo. 

A re ga a rata fela mabelo, mme o ratile gape go bona ditlhopha di tsaya karolo mo kgaolong tsa bone ka go dira ditiro tsa kgaolo jaaka ba setlhopha sa Boseja ba ne ba sela matlakala mo kgaolong ya bone. 

Rre Morolong o ne a solofetsa banana gore boeteledipele jwa kgaolo bo tla ba ema nokeng  mo maitekong a go tlhabolola kgaolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebo Rakanyane

Location : MOCHUDI

Event : Mabelo

Date : 30 Jul 2018