Breaking News

Banni ba Tsau ba tshwenyega ka ditlhwatlhwa tsa metsi

30 Jul 2018

Banni ba motse wa Tsau mo kgaolong ya Ngami ba tlhalositse fa ba tshwenyegile ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo le go senyega kgapekgapetsa ga dipompo tsa metsi tsa morafe. 

Banni bao ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Rre Thato Kwerepe yo gape eleng Mothusa Tona wa Thuto go tswa moding bosheng. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Keeng Kealeboga a re ditlhwatlhwa tsa metsi di kwa godimo e bile a supa fa dipompo tsa morafe di tshabelelwa ke go senyega mme go tsaya lebaka gore di baakanngwe. 

Mme Kealeboga o buile seo fa a bega dikatlego le matshwenyego a kgaolo ya bone, mme a ikuela mo Mopalamenteng wa kgaolo. 

Mogolwane go tswa komponeng ya metsi ya Water Utilities mo Sehithwa, Rre Lebani Lebani o ne a tlhalosa fa kompone eo e itse ka matshwenyego a morafe wa Tsau, ebile ba kile ba solofetsa go baakanya seemo seo. 

Lefa go ntse jalo, Rre Lebani o ne a re ka letlhoko la madi seemo ga se a baakanngwa ka ba ne ba emetse tshimologo ya ngwaga wa madi ka Moranang. 

Ka jalo o ne a re ba setse ba kopile bo radikgwebo go ba fa ditlhwatlhwa tsa tse di batlegang. 

Rre Lebani o supile fa Komponi ya WUC e filwe madi go ka reka maranyane a masha a Smart Metres go tokafatsa go bala ditlhwatlhwa tsa metsi gore eseka ya ja bareki ntsoma. 

O ne a re ba itse matshwenyego a badirisi ba metsi a gompieno a ditlhwatlhwa tse di kwa godimo, mme a gakolola gore fa bana le dingongorego ba nne ba ikatametsa fa diofising tse di gaufi gore WUC e dire ditlhotlhomoiso tsa gore a ba tsieditswe kapo go na le lebaka jaaka go dutla ga metsi. 

Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Kwerepe o ne a re o utlwa selelo sa bone mme a re komponi ya metsi le yone e na le dikgwetlho tse di tshwanang le didirisiwa tse dikgologolo. 

Rre Kwerepe o ne gape a gakolola banni gore ba se dirisi metsi a nowang a morafe go siela leruo, a re go botlhokwa gore ba ikopanye ka ditlhopha ba tseye mananeo a puso a go epa didiba. 

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : TSAU

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 30 Jul 2018