Baithuti ba thuto gaegolelwe ba ipela
30 Jul 2018
Baithuti ba thuto Gaegolelwe go tswa mo kgaolong ya Kgalagadi le magolegwa go tswa mo kgolegelong ya Tsabong, ba phuthaganetse mo Tsabong go ipelela letsatsi la dithuto tsa thuto gaegolelwe ka setlhogo se se reng, Thuto le tlhabololo dikitso.
Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi leo, mogolwane go tswa mo lephateng la thuto go tswa kwa moding mo Kgalagadi Mme Johanna Morwe o ne a tlhalosa fa e le go simolodisa letsatsi la dithuto le le tla welang ka labone, go tlhatlhelela baithuti maele le go abelana dikitso le go anywa mo go bangwe ka seo se ka ba thusa go itshetsa le go tlhabolola matshelo a bone.
Mme Morwe are e re le ntswa baithuti bao e le bagolo ba bontsi jwa bone e leng bomme letsatsi le le ba thusa go kgothatsana go tlhwaafala mo dithutong tsa bone ka gantsi ba kopana le dikgwetlho tsa go tsaya boikarabelo go tlhokomela mo malwapeng a bone.
A re malatsi a, ke one a baithuti ba gaisanang ka one ka moopelo, disupiwa tsa diatla, mmabontle le go kwala ditlhatlhobo go ya ka mophato wa bone go tswa mo metseng ee farologanyeng mo kgaolong eo mme ba ba dirileng sentle ba fetela kwa dikgaisanong tsa makgaolakgang tsa lefatshe leno lotlhe tse di tla tshwarelwang kwa Gaborone ka kgwedi ya Lwetsi.
Fa a bula semmuso letsatsi leo mothusa molaodi Bigboy Mangwa o ne a bolela fa go bala le go kwala go le botlhokwa.
A re ke sone puso e tseelang kwa godimo dithuto tsa thuto gaegolelwe mo go tlhabologeng ga lefatshe gore dipalo tsa batho ba ba itseng go bala bogolo di nne magareng ga borobabobedi mo lekgolong go fitlha kwa go borobabongwe mo lekgolong.
Mothusa molaodi a re go bala le go kwala go ka tlhabolola dikitso mme go nna motlhofo mo go mongwe le mongwe mo tirisong e tshwana le matshine wa ATM, go dirisa mosokela tsebeng,le sone sentlanakana sa go kgweetsa le tse dingwe ka seo gape se ka thusa mo go itepatepenyeng mo maranyaneng le matshelo a segompieno.
Rre Mangwa are lephata la thuto go tswa kwa moding le leka ka bojotlhe go neela baithuti ba thuto gaegolelwe dikitso tse di ka ba tlhabololang mo ditirong tsa diatla di tshwana le go dira borotho, go betla, go bopa, go sega le gone go ba ruta ka tsa temo thuo kwa lefelong la LOBU are seo se ba thusa go inaakanya le mananeo a puso aa ka ba thusang go tswa mo lehumeng le go itlhamela ditiro tse di ka fokotsang letlhoko la ditiro ka go tlhapa ba bangwe.
O ne a kgotlhatsa baithuti ba thuto gaegolelwe go ithuta ba tsentse marapo dinameng, go itlama le go nna le tebelopele ka seo se ka ba thusa go fitlhelela ditoro tsa bone le lengwe la matshego le maitlamo a tebelopele ya 2036 ya tshaba e e rutegileng ebile e na le kitso.
Mogolwane go tswa mo lephateng la thuto go tswa kwa moding mo Kgalagadi a itebagantse le HIV le boitekanelo mo tirong Mme Margret Koko fa a ntsha la gagwe o ne rotloetsa baithuti bao go itlhatlhobela mogare ka seo se ka ba thusa go itse seemo sa bone, go itseela dikgato tse di maleba le go neelwa dithuso tse di tshwanetseng fa ba ka fitlhwelwa ba na le mogare.
Mme Koko o ne a bolela fa ditsheka tsheko di supile fa banni ba kgaolo ya Kgalagadi borwa ba santse ba goga dinao mo go itlhatlhobeleng mogare a re ba botsogo ba ne ba ipeetse seelo sa palo ya 1 325 mme ba sa ntse ba le kwa tlase ga palo eo fela thata mme a ba gakolola go ema ka dinao ka go le botlhokwa thata mo botsogong jwa bone.
A re puso e dirile maiteko a lenaneo le le lesha la Treat All le ka lone mongwe le mongwe yo o fitlhelwang a na le mogare a tshwanelwang ke go tsena mo lenaneong la go nwa dipilisi tse diritibatsang mogare go sa kgatelesege gore masole a gagwe a mmele a kae, a kaya fa seo se fokoditse dintsho mo lefatsheng leno tse di neng di bakwa ke mogare wa HIV le bolwetsi AIDS.
Mme Koko a re kgwetlho e nngwe ke gore bangwe gape ba felela ba tlogela go nwa dipilisi ka go tlhoka go ya kwa go ba bongaka go ya go tlhatlhojwa a supa fa batho ba le 151 mo kgaolong eo ba nyeletse fela ba ba mo lenaneong la diritibatsi mme go le borai ka go felela go fa mogare sebaka sa go koafatsa mmele mme mo gongwe batho ba felele ba tlhokafetse.
Mo letsatsing leo maphata a puso ka go farologana le aa ikemetseng a ne a isetse ditlamelo kwa baithuting bao le gone go ba ruta ka ditirelo tsa bone ba akaretsa ba BOCAIP, Legal Aid Botswana, ba dikoporasi, Botswana Tourism Organisation, le ba botsogo mabapi le tiriso ya dikausu sa borre se ba supileng fa se tsewa mme se sa dirisiwe ka fa tshwanelong, se se rurifatswa ke ka fa malwetsi a dikobo a leng kwa godimo ka teng, boimana le go fetisa boimana, le sa bomme se ba boletseng fa se sa dirisiwe gotlhelele mo kgaolong eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Ipelela Maduo
Date : 30 Jul 2018



