Breaking News

Malapa a thata ka Modimo

29 Jul 2018

Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re tumelo ya ga Keresete e tlhoka bomme ba ba itshekileng mo maikutlong, ba na le maikaelelo a go ralala dikgwetlho tsa botshelo.

O buile jalo ka Labotlhano kwa bokopanong jwa bomme ba kereke ya Spiritual Healing jwa Lekgotla la Magogodi (Mothers Union Convention) kwa Mahalapye. 

A re tsela ya go goroga kwa kanana e thata, ka jalo e tlhoka bomme ba ba dumelang mo Modimong go goga lefatshe.

Dr Venson-Moitoi o tlhalositse gore dikereke jaaka mekgatlho e mengwe di laolwa ke molao wa lefatshe. 

“Gore re betle tsela ya go ya legodimong re tshwanetse ra obamela melao le babusi ba lefatshe.”

O supile gore ka nako ya puso ya bokolone merafe ya Botswana e ne ya nna le kgwetlho ya go busiwa ke batho ba sele. 

O supile gore Baebele e supa gore Baiseraela ba ne ba le mo lefatsheng la Egepeto ba patelediwa tumelo e e seng ya bone, fela jaaka le rona re ne re le ka fa tlase ga tumelo le tsamaiso ya bokolone.”

Le fa go ntse jalo, Tona Venson-Moitoi a re badumedi ba ga Keresete ka go farologana ba nako eo, ba ne ba itshoka, ba na le tumelo ya gore batho ba tshwanetse go rapela Modimo wa bone jaaka ba batla, mme ba sa tlole molao o o builweng ke lefatshe la bone.

Dr Venson-Moitoi a re bomme ba kereke ya Spiritual fela jaaka badumedi ba bangwe ba ga Keresete, ba gorogile mo nakong ya gore ba ipele jaaka kereke ya bone e tswa kgakala e raletse dikgwetlho mme e kgonne go itshetlela go goroga mo dingwageng tse di masome marataro le botlhano.

“Ke nako ya go ipela, re na le mabaka a go itumela gore re gololesegile mo bokgobeng jwa tumelo. Re ne rele mo mathateng re kganelwa go rapela jaaka re batla.”

O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno, dikereke ka go farologana di na le tshwanelo ya go rapela Modimo jaaka di eletsa. 

Le fa go ntse jalo, Dr Venson-Moitoi a re go santse go na le mathata a a tlhokang bomme ba ba nonofileng ba ba ikaegileng ka tumelo go a fenya. 

“Re santse re na le mathata, mme a re leng mo go one ke a sele.”

Dr Venson-Moitoi a re le fa bomme ba ikaegile ka tumelo ya ga Keresete, ba santse ba na le kgwetlho ya go laola malapa a bone.

“Re palelwa ke go laola tse di jang le mewa ya rona re ntse re rapela.” 

A re le fa kereke e le lefelo le le boitshepo la go rera efangele ya ga Keresete go aga motho yo  o nonofileng, go na le bangwe ba ba dirisang dikereke go anamisa mekgwa kgotsa ditiro tse di fapogileng boamaruri.

A re seo se supa gore bangwe ba dirisa kgololesego e e filweng Bakeresete go rapela Modimo wa bone jaaka ba eletsa go senya leina la kereke.

“Re tshwanetse ra tswa mo maibing a re leng mo go one gore re itse kwa re yang teng.” 

Dr Venson-Moitoi a re fa bomme ba sa kgone go lemoga seemo se ba leng mo go sone, go tlaa nna thata gore tsela e bulege go senola kwa go iwang teng.

“Bomme a re rapediseng mewa ya rona, boleng jwa gago o le mme bo senoge. 

Kopa Modimo a go tshegetse gore fa o le mme o nyetswe o seka wa nna le keletso ya tse di kwa ntle ga lelapa la gago.” 

Itseng gore ga re kake ra dira sepe re le bomme re sa nonofa. 

O ne a gakolola bomme gore ba ithute go tshepha banna ba bone.

O ne a gakolola bomme gore ba kaele bana tsela ya boamaruri gore ba kgone go ikemela mo botshelong.

“Bomme go rata ngwana ga se go mo senya ka go mo neela sengwe le sengwe se a se batlang.”

Dr Venson-Moitoi a re boammaruri ke gore bana ba rutwe ba kgone go tlhaloganya le go amogela seemo sa itsholelo ya malwapa a bone. 

“Le seka la letla thutego ya bana go le amoga botsadi jwa lona, tswelelang ka go ba laola le ba rute boamaruri.” 

A re go tshaba bana ka gore ba na le dithutego tse di rileng ke go latlha boikarabelo, a tlatsa ka gore bokamoso jwa bana bo mo tumelong ya Modimo.

Tona Venson-Moitoi a re go botlhokwa gore bana ba tsene kereke. 

O ne a gakolola bomme go inaakanya le tiriso ya maranyane a segompieno a a dirisiwang go phatlalatsa dikgang.

Dr Venson-Moitoi a re go na le bangwe ba ba dirisang lefoko la Modimo mo maranyaneng go raela le go ikhumisa, ka jalo ba itepatepanye le diemo tse go kaela batho tsela ya boamaruri. 

“Emelang dilo tse ka dinao go sireletsa tumelo ya ga Keresete.”

Dr Venson-Moitoi o gakolotse bomme ba Spiritual go tsenya letsogo mo go tlhabololeng matshelo a batho ba bangwe.

“A re lebeleleng tse bomme ba di dirileng, itseng gore tumelo e senang ditiro ke lefela.”

A re bomme ba bopilwe ke Modimo, mme a ba fa thata go tla go direla ba ba seng sego mo setshabeng. 

O akgotse bomme ba Spiritual Healing go nna le seabe mo setshabeng. 

“A re nne sekai mo setshabeng ka ditiro tsa rona tse di molemo.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MAHALAPYE

Event : Bokopano

Date : 29 Jul 2018