Molao wa tsamaiso mekgatlho ya bopelotlhomogi o botlhokwa
29 Jul 2018
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala Rre Prince Maele a re molao o o letlang gore go tlhodumelwe mekgatlho ya bopelotlhomogi gore e na le dithoto di fe kana e na le eng ngwaga le ngwaga o ne o tlhokafala ka o tlaa thusa puso go bona madi a lekgetho a a ntseng a fitlhwa mo mekgatlhong.
A re mo nakong e e fetileng go ne go sena molao o o laolang mekgatlho ya bopelotlhomogi mme bangwe ba ne ba dirisa mekgatlho e go tsenya dithoto kana madi a bone mo go yone go tila go duela lekgetho.
Rre Maele a re ba neng ba dira jalo ba ne ba dira jalo ka mekgatlho e e sa duele lekgetho.
Rre Maele o ne a bua jalo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi bosheng.
Rre Maele o ne a itsise banni gape ka molao wa Matimela o a boletseng fa o baakantswe.
A re kgang kgolo mo molaong o e ne e le lebaka le le tsewang go tlaleya matimela a a mo lesakeng le go rekisa matimela a a leng teng.
A re palamente e ne ya dumalana ka molao o gore fa letimela le tsena mo lesakeng la motho a itsese ba ba maleba mo malatsing a le lesome le bone.
A re mo molaong o gape khansele e letlelelwa go dirisa koloi nngwe le nngwe ya yo o ka kgonang go isa matimela kwa lesakeng la one.
A re go fokoditswe nako ya go tshwara matimela kwa masakeng a matimela go tswa kwa dikgweding tse thataro go ya kwa go tse tharo.
A re lebaka la dikgwedi tse thataro tse matimela a neng a nna mo lesakeng la matimela di ne di babalela ba khansele ka go ne go dirisiwa madi a mantsi go tlhokomela matimela.
A re ntlha e nngwe mo molaong o wa matimela ke e e letlang ba lesaka la matimela go bolaya kgomo e e ka tswang e tshwenya kana e lwala mme go tlhomamisitswe ke ba ba lebanyeng le leruo gore e ntse jalo.
Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a itsese banni fa e tlaare ka Lwetse e tlhola malatsi a le mararo go ya kwa kgweding ya Ngwanaatsele e le lesome le bongwe, go bo go ikwadisetswa ditlhopho tse di tlaa tshwarwang mo ngwageng o o tlang.
A re ga go na ikwadiso ya poeletso, ka jalo banni ba tshwanetse ba ye go ikwadisetsa ditlhopho mo nakong e e beilweng.
O ne a kopa banni go shafatsa dikarata tsa bone tsa Omang nako e ise e tsamae.
A re diofisi tsa Omang di tlaa bulwa le ka mafelo a beke go fa Batswana sebaka sa go dira bo Omang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 29 Jul 2018



