Breaking News

Ba Metsibotlhoko ba itumelela motlakase

29 Jul 2018

Boitumelo e ne le jo bogolo kwa Metsibotlhoko kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, fa banni ba lebogela ditlhabololo.

E rile a amogela baeng kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Takatokwane e bile e le tona wa thuto e kgolwane, maranyane le dipatlisiso Rre Ngaka Ngaka, Kgosi Bafentse Moatshing o ne  a supa fa ba itumetse ka ditlhabololo tse ba neng ba di kopile di diragadiwa.

Kgosi o boletse fa ba ne ba kopile motlakase le ntlwana ya borutelo tse a supileng di setse dirwa. 

O akgoletse badirelapuso tiro e ntle e ba e dirang bogolo thata barutabana, a supa fa ba aga motho go nna se a leng sone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Moapostle Phori, o ne a supa fa ba solofetse go agelwa matlo a LA2 a le mabedi le matlo a batlhoki a le mabedi. 

Rre Phori o boletse gape fa ba baakanyediwa dikago tsa sekole le ntswa malatsing a ba sa bone rakonteraka wa teng.

Mo go tse dingwe modulasetilo o ne a supa matshwenyego a letlhoko la metsi mo motseng, a tlhalosa fa ba na le dikgwedi tse tharo ba sena metsi. 

O ne a kopa gore ba agelwe ofisi ya mogokgo.

Kwa Sesung gone Kgosi Lekang Motoane o ne a supa fa ba agetswe diofisi tsa kgotla le fa dilo dingwe di sa wela sentle.

Kgosi o ne a tlhalosa fa ba itumelela gore mopalamenete wa bone o tlhomilwe tona, a bo a leboga Tautona Mokgweetsi Masisi ka tebelopele eo.

O kopile gore tsela e e tsamaelang ka kwa kokelwaneng ya bone e dilwe ka jaana e sa tsamaege ka nako ya dipula.

E rile a tswa la gagwe Tona Ngaka o ne a supa fa khumo le lehuma di le mo diatleng tsa motho mongwe le mongwe.

O kopile Batswana gore e re fa ba tsaya mananeo a puso ba dire gore ba oketse mananeo a ka diatla tsa bone le go fokotsa go bereka mo Ipelegeng.

O supile fa mathata a matona a Batswana e le gore fa motho yo mongwe a dira kgwebo nngwe, botlhe ba goromela mo go yone, ba sa batle sengwe se se pharologanyo.

O tlhalositse fa le ene a itumela fa a bona dikopo tsa morafe di diragadiwa, a bo a tlhalosa gore Ditshegwane, Khudumelapye, Sesung, Salajwe le Motokwe ba tlaa atolosediwa motlakase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : METSIBOTLHOKO

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 29 Jul 2018