Monana kwa Serinane o nwa dipodi moro
29 Jul 2018
Mme Onkgomoditse Ramosetlha wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe, yo o tlholegang kwa Serinane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, a re kgwebo ya dipodi e bogadi bo gaufi e bile ga e wetse dingalo ka go le motlhofo go e tlhokomela.
Mme Ramosetlha a re o sale a ratile dipodi ka jaana a godisitswe ke rraagwemogolo yo e neng e le morui wa tsone yo motona.
Mme a re e ne ya re a sena go babalelwa ke go tlhoka tiro ya sennelaruri ka a ne a itshetsha ka Ipelegeng, a utlwalela ka lenaneo la banana mme a iteka lesego.
Maiteko a gagwe a ne a atlega, mme ya re ka 2015 a thusiwa ka P100 000, go simolodisa kgwebo ka go reka dipodi di le masome a marataro.
Mme Ramosetlha a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile dipodi tsa gagwe di a ata ka podi e tsala gabedi ka ngwaga.
O tlhalosite gape fa theko ya dipodi e santse e nametsa, mme a re bangwe ba bareki ba gagwe ba rekela go tlhaba, fa ba bangwe ba rekela go rua kgotsa go simolola dikgwebo ba thusiwa ke mananeo a puso jaaka LIMID le YDF.
O supile fa a itumelela kemo nokeng e ba diofisi tseo ba e mo fang jaaka go mo lomaganya le bareki.
E re ntswa dipodi di le bogadi bo gaufi, ke selo se se tshabelelwang ke malwetsenyana, mme Mme Ramosetlha a re gantsi o tshwenngwa ke bolwetse jwa kgofa e thamaga e e kgonang go nna ntsi mo Serinane le metse e e mabapi.
A re kgwetlho e nngwe e a kopanang le yone ke ya go rekela dipotsane mashi fa bommatsone ba sule le nako ya leuba bojang bo tlhaela.
O ne a lebogela puso maitlamo a go namola banana mo letlhokong la ditiro ka mananeo a tshwana le la YDF.
Le fa go ntse jalo, Mme Ramosetlha a re ntswa kgwebo ya gagwe e solofetsa, ga a ise a fitlhelele toro ya gagwe ya go atolosetsa kwa kgwebong ya leruo la dikoko.
O ne a rotloetsa banana go nna le bopelotelele fa ba tsena mo mererong ya kgwebo, ka jaana kgwebo e batla boineelo le boikarabelo e bile go le botlhokwa gore fa motho a ineela mo kgwebong a bo a e tlhophile, a e rata go na le go eteletsa madi kwa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitseone Tlhware
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 29 Jul 2018



