Breaking News

Seretse o lekodisa banni ka melao e mesha

29 Jul 2018

Mopalamente wa Lentsweletau-Mmopane Rre Vincent Seretse o lekodisitse banni ba Kopong le Mmopane ka melao e e neng ya fetisiwa ke palamente e e fetileng e maikaelelo a yone e leng go sireletsa Batswana le dithoto tsa bone. 

E rile a buisa phuthego ya kgotla mo metseng eo bosheng, Mopalamente Seretse a bua fa mo melaong eo go fetisitswe o o letlelelang puso go gapa khumo e e bonweng ka bogodu. 

A re mo nakong eno, batho ba kgona go reka matlo le meraka mme e re ba tswa kgolegelong, ba itshetse ka tsone dikhumo tseo tse ba di boneng ka bogodu. 

Molao o mongwe ke wa go tsamaisa makgotla a a ikemetseng a di Trust. 

Mopalamente Seretse o tlhalositse fa go dirilwe molao ka jaana go lebega batho ba ne ba kopela mekgatlho ya bone madi mme go sa elwe tlhoko gore a a dirisediwa se a se kopelwang. 

Molao o jaanong o raya gore dibuka tsa madi a di Trust di tlaa dupiwa. 

Go fetisitswe molao o mongwe wa dibanka, o o itsang batho go boloka madi a a bonweng ka borukutlhi. Gompieno fa motho a baya madi, o tshwanetse gore a tlhalose gore o a tsere kae le gone gore a ya go a dirisa eng.  

Rre Seretse o tlhalositse fa molao o mongwe e le wa go dira gore motho yo o sentseng mo Botswana a seka a siela gope. 

O tlhalositse fa lefatshe leno le na le tumalano le mafatshe a mangwe gore fa motho a sentse a bo a tlolela kwa lefatsheng le lengwe, a tshwarwe a bo a busediwa mono go tla go sekela molato wa gagwe. 

Molao o mongwe ke o o itebagantseng le go kaganela bogodu jwa batho. Mopalamente o tlhalositse fa batho ba utswa ba bangwe, segolobogolo bana ba ba isiwang kwa mafatsheng a mangwe go ya go dirisiwa ditiro tsa bokgoba kgotsa tsa tlhakanelo dikobo. 

O kopile banni ba metse eo go ikela tlhoko ba tlhokomele bana ba bone. Molao o mongwe o o neng wa fetisiwa ke o o itebagantseng le borukutlhi jwa go iphatlakanya. 

Rre Seretse o tlhalositse fa molao o sireletsa batho mo lefatsheng leno mo borukutlhing jo. 

O tlhalosa fa go dirilwe molao wa gore lefatshe le le lone le ikopanye le mafatshe a mangwe gore dibetsa tsa mmolao wa kgailo di nyeledisiwe mo lefatsheng lotlhe. 

Mopalamente o ne a fa sekai ka se se neng sa diragala ko toropong ya Hiroshima kwa Japane ka ntwa ya bobedi ya lefatshe. Toropo yotlhe e ne ya nyelediwa ke bomo mme ga nna le ditlamorago tse di tsereng dingwaga. 

O tlhalositse fa palamente e ne ya itebaganya le ditagi jaaka bomandrax le cocaine le nyaope mme a tlatsa ka gore lefatshe leno le tshwanetse la ela dilo tlhoko gore ditagi tsa mohuta o di seka tsa goroga mono. 

Rre Seretse o ne a tlhalosa fa go na le batho ba ba itshetsang ka go rekisa dilo tse, segolobogolo basadi ba ba emang fa dikoleng ba ipaya ba ba rekisang dimonamone. 

Ditagi tse di na le seabe mo dipolaanong tsa baratani ka jaana motho o a bo a dira a le mo sediding. 

Fa a itebaganya le ba kabo lefatshe, mopalamente o tlhalositse fa puso e tshwentswe ke maitshwaro a a dirwang ke maloko a batho ba kabo ditsha ba ba itirileng medingwana mo lefatsheng. 

O boletse fa batho ba kabo ditsha ba lebetse gore tiro ya bone ke go tlhokomela tsamaiso ya lefatshe mo boemong jwa morafe mme e bile ba romilwe gore dikeletso tsa morafe di diragale. 

Rre Seretse o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse go itshetsa ka setsha sa gagwe ka mo ene a bonang ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 29 Jul 2018