Ba Tsamaya ba ithuta ka itshidilo mmele
26 Jul 2018
Ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao le ba lephata la botsogo le boitekanelo, e rile bosheng ba kopana le banni ba Tsamaya go ba ruta ka botlhokwa jwa go itshidila mmele.
Mogololwane go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, Mme Anastacia Motswaeng o ne a tlhalosa fa motho yo o itshidilang mmele a nna le botsogo jo bo itekanetseng, e bile go nna motlhofo go lwantsha malwetsi mo mmeleng.
A re ba lemogile gore Batswana ka bontsi ba na le malwetse a a sa tshelanweng, malwetse a a tshwanang le sukuri le a madi a matona, jaanong a supa gore fa motho a itshidila mmele a ka thibela malwetsi ao.
A re go itshidila mmele go rotloetsa tirisanyo mmogo ka gore ka nako tse dingwe o tlhoka batho ba bangwe gore o kgone go dira tiro.
Mme Motswaeng o rotloeditse banni ba Tsamaya gore ba tswelele ka go itshidila mmele ka nako tsotlhe kwa malwapeng a bone mme ba seka emela tiro e tshwanang le e go itshidila.
A re go le gantsi batho ba kgatlhegela go tsenelela dithutopuisanyo tsa mofuta oo, mme e re bagolwane ba maphata ba boela ditirong, banni ba emise go diragatsa se ba se rutilweng.
Moitseanape wa tsa botsogo le boitekanelo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Naledi Ramasedi o tlhalositse fa go itshidila mmele go tsaya nako ya metsotso e le masomene a mararo fela.
A re motho o ka itshidila ka go bina kana ka ditiro dingwe mo lwapeng jaaka go tlhagola, go feela le go rema.
A re motho o ka tsamayatsamaya metsotso e le masome mararo mo malatsing a mararo mo bekeng gore dikarolo tsa mmele di kgone go tsamaisa madi sentle.
O ne a tlhalosa fa bagolo ba tshabelelwa ke go wa, mme go wa go bakwa ke malwetse a pelo, segolo bogolo fa ba senke ba tsamayatsamaya.
O gakololotse gape gore batho ba seka ba dirisa letswai le ntsi mo dijong ka se se ka baka malwetsi a dipelo le madi a matona.
O konoteletse ka go tlhalosa gore itshidilo mmele e thusa go nonotsha tlhaloganyo.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Jenamo Mbulawa o ne a leboga botlhe ba ba tsereng nako ya bone go tsenelela dithuto tse.
O ne gape a ba rotloetsa go nna ba leka go itshidila e bile ba thusane go itshidila ka selo seo se ka oketsa monate le kgatlhego.
E rile ba fetsa dithuto-puisanyo banni ba bontshiwa ditsela tse di farologaneng tsa go itshidila mmele jaaka go taboga mo lebaleng, go tshameka bolo ya bolotloa, kgwele ya dinao le go tlola koi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Othusitse Khuwa
Location : TSAMAYA
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2018



