Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa leruo
26 Jul 2018
Mookamela mapodisi a Nata, Superintendent Vincent Pitseetsile a re mapodisi ga ba jesiwe diwelang ke bogodu jwa loruo jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Nata/Gweta.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Supt Pitseetsile o tlhalositse fa ba tlhotlhomisa basimane bangwe ba le bane le mme a le mongwe mabapi le dinamane tse tharo le kgongwana tse go belaesegang e le tsa bogodu.
Supt Pitseetsile a re dikgomo tseo, di fitlhetswe mo lesakeng la babelaelwa kwa morakeng o o gaufi le Zoroga.
A re morago go ne ga fitlhelwa nama ya kgomo e le yone go belaelwang e le ya bogodu.
O tlhalositse fa ba tshwere dikgomo tse morago ga go longwa tsebe ke bangwe, fa ba ne ba supa fa go na le tshenyo nngwe e e diragalang kwa merakeng eo.
O boletse fa mapodisi a fitlhetse tshipi e le nngwe fela ya babelaelwa bao mo dinamaneng tse tharo le kgongwana eo, tse a kaileng di ise di bone beng ba tsone.
A re ba na le malatsi a le mabedi ba tshegeditse babelaelwa go ba thusa mo ditlhotlhomisong.
O akgoletse kemonokeng ya setshaba mo go lwantsheng borukutlhi, mme a rotloetsa setshaba gore se tswelele ka go loma sepodisi tsebe fa go na le tiragalo e ba e belaelang, kgotsa e e sa tlwaelesegang mo tikologong ya bone.
O ne a go gakolola setshaba, bogolo jang balemi-barui gore ba tlhokomele loruo lwa bone go itsa go saila le naga mo go fang magodu sebaka sa go itshwaela.
A re go tlhoka tlhokomelo mo loruong ke gone mo go dirang gore lo nwe metsi mo macheng kwa e leng gore magodu a lo tseela teng.
Supt Pitseetsile o tladitse ka go gakolola setshaba go ikuela kwa mapodising fa ba timeletswe ke loruo gore ba kgone go thusiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : NATA
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2018



