Breaking News

Thulaganyo ya go dira tsela kwa Mathangwane e tsweletse

26 Jul 2018

Mopalamente wa Shashe Bophirima, e bile e le mothusa tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boitseanape le boranyane, Rre Fidelis Molao o tlhaloseditse banni ba Mathangwane gore tsela e e tshwaraganyang Mandunyane le Mathangwane e mo thulaganyo ya go dirwa.

Rre Molao o buile jalo kwa diphuthegong tsa dikgotla kwa Mathangwane, Mafungo\Hubona le Marobela bosheng.

O kopile banni go nna ba letile ka tsholofelo ka tsela e tlaa dirwa.

Mo go tse dingwe, Rre Molao o ne a ba lekodisa ka melao e e dumalanweng kwa palamenteng, jaaka wa matimela, o baakantsweng go fokotsa lebaka la go tshwara matimela go tswa mo dikgweding tse thataro go ya go tse tharo.

O ne gape a bolela fa ditsetlana dingwe di baakantswe mo molaong wa Omang, ka jalo batho bangwe ba ditumelo dingwe ba ba nnang ba rwele ditukwi ba tlaa bo ba gololesegile go tsewa dinepe tsa Omang ka ditukwi tseo.

O ne a tlhagisa banana go ikela tlhoko fa ba dirisa maranyane, a re molao o baakantswe go otlhaya ba ba sa diriseng maranyane a tlhaeletsanyo sentle.

A re ke gangwe le gape batho ba lela ka tiriso botlhaswa ya maranyane bogolo jang facebook.

Morafe wa Mathangwane o ne o lela ka ditsela tse di mo motseng tse di lekgarapana, tse ba boletseng fa di ba senyetsa dikoloi, ba kopa gore di tshelwe metsi le mmu.

Kwa Mafungo\Hubona le Marobela, morafe o ne o lela ka letlhoko la metsi a a nowang, ba re ba sale ba tshephisitswe go sielwa metsi go tswa kwa Ntimbale nako kgolo ke eno.

Kgosi wa Marobela, Kgosi Rapelang Khuwe a re ba tswa kgakala ba lela ka kgang ya metsi, mme a re e bile ba kile ba nna le tsholofelo ya gore sengwe se tla dirwa morago ga go lekodisiwa fa batla sielwa metsi ka thulaganyo ya letamo la Ntimbale, mme nako kgolo ke eno.

Kgosi Khuwe a re gape ditlhwatlhwa tsa metsi di kwa godimo ntswa ba tsaya nako e telele go sena metsi, a kopa puso go tsibogela kgang eo,ka batho ba a sotlega ba nwa metsi a noka, a a kaileng a le borai mo matshelong a bone.

Monana kwa Mafungo\Hubona, Mme Widzani Tapiwa o ne a ngongorega ka tiego e e dirwang ke lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, go duela banana morago ga metshameko ya dibolo ya dikgaolo.

Mme Tapiwa a re go setse go fetile dikgwedi di supa ba tshamekile metshameko eo, mme ga ba ise ba bone dituelo, selo se a kaileng fa se ba lotlhanya le batho ba ba thusang ka dipalamo.

Fa a araba ka matshwenyego a metsi, Rre Molao o boletse fa puso le yone e tshwenyegile ka seemo seo, mme a re e leka bojotlhe go se rarabolola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MATHANGWANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 Jul 2018