Kgosi o tshwentswe ke go nowa ga khadi
26 Jul 2018
Kgosi Itumeleng Fane wa Mokungwane mo kgaolong ya Tswapong Bokone a re o tshwenngwa ke go nowa ga khadi phetelela mo motseng wa gagwe.
Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Fane o supile fa go na le bangwe ba ba inaakantseng le go nwa khadi phetelela, selo se a tlhalositseng fa se sa laolesege mo motseng.
A re go nwa khadi phetelela go fetotse boitsholo jwa batho, a supa fa bangwe ba feletsa ba itsaya ka maitseo a a makgasa.
Kgosi Fane a re gangwe le gape o bua le ba ba nwang khadi phetelela mme go lebega a itaya letlapa ka le lengwe ka ba tswelela ka go e nwa mo go sa laolesegeng.
“Ke tshwenyegile tota ka fa go nowang khadi ka teng mo motseng mme nako le nako fa ke bua le banwi ba yone, ke kgona go lemoga fa dipelo tsa bone di nna botlhoko go supa fa ba sa dumalane le se ke buang,” a tlhalosa.
A re se se ngomolang pelo ke go bo bangwe banana le bone ba inaakantse le go nwa khadi phetelela, mme a supa fa se ka phirisimisa ditoro tsa bone tse dintle tsa botshelo.
A re o itemogetse gore mo tirisong ya nnotagi mo motseng, khadi ke yone e di gogang kwa pele mo ebile go setse go na le kwelo tlase ya go nowa ga bojalwa jwa Setswana.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kebitsalefe Diraditsile o iteetse moroko mafoko a ga kgosi, a supa fa e le bogogi mo lenaneong la Ipelegeng le bone ba itemogetse mokgwa oo mo bangweng ba babereki ba Ipelegeng.
A re ba tshwentswe ke go bo go na le bangwe ba babereki ba Ipelegeng ba nako dingwe ba theogelang ba hupile.
A re se se diragalang fa go theogetswe ke gore bangwe ba babereki ba Ipelegeng ba ba nwang khadi ba dira boferefere ka go ikopa ba supa fa ba batla go boa fa ntwaneng ya boiteketso mme morago fa ba boela mo tirong go supafale fa ba tswa go itshiela.
Mme Diraditsile a re ba setse ba kile ba bitsa bangwe ba babereki bao go kgalema mokgwa wa bone wa go nwa nnotagi ba theogetse.
“Se se diragalang ke gore, fa re lemoga gore mongwe o tsile a hupile, re mo kopa gore a boele lwapeng mme re gatise mo mokwalong gore o ne a sa theogela,” a tlhalosa.
A re ka nako ya dikatso ba kgaola bontlha bongwe jwa madi ka go bo go sa letlelelwe gore mmereki a theogele a nole.
O kaile fa go le borai gore mmereki wa Ipelegeng a theogele a nole ka ba dirisa didirisiwa tse di borai di tshwana le dipeke, digarawe, dilepe le tse dingwe tse di batlang mmele o o itekanetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : MOKUNGWANE
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2018



