Breaking News

Goya o lekola ditlhabololo tsa kgaolo ya Palapye

26 Jul 2018

Bogogi jwa kgaolo potlana ya Palapye e rile bosheng jwa kopana le Mopalamente Moisaraele Goya go mo lekodisa ka ditiro tsa ditlhabololo tsa kgaolo, bogolo jang tsa lenaneo la madi a ditlhabololo a kgaolo.

Morago ga gore puso e simolodise madi a ditlhabololo tsa dikgaolo ngogola, dikgaolo di ne tsa simolola  go tsabakela.

Le fa go ntse jalo molaodi wa kgaolo-potlana, Rre Odiseng Moruti, mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Lucky Maoto le ba ditogamaano ba supile fa go nnile le tiego ya go aba ditiro, ka madi a ne a tla morago ga nako e e neng e solofetswe, le gore morero ka tiriso ya one le morafe o nnile moleele.

Rre Maoto o ne a re e re ntswa e le tsamaiso gore madi ao a tsamaisiwe fela jaaka madi mangwe le mangwe a puso, ba ne ba tshwanelwa ke go anamisa ditiro tse di yang go dirwa go fa ba dikonteraka sebaka sa go ikopela le go phadisanela tiro eo.

Mo Palapye go ne ga abelwa kgaolwana ngwe le ngwe ya mokhanselera madi ka go lekalekana le go letla banni ba kgaolwana go dira tse ba bonang ba di tlhoka.

Gone ga simololwa ka go agwa ga ditsela tsa setena tse di fa gare ga motse tse ka dinako tsa dipula di sa tsamaegeng.

Fela jaaka gone ga dumelwana, ditiro di ne tsa neelwe ba dikonteraka tsa mo gae,  mme mo nakong eno, go setse go dirisitswe P4 510 007.

Mothusa Mokwaledi wa khansele-potlana le ba ditogamaano ba ne ba tlhalosa gore mangwe madi a a lebegang a sa dirisiwe ke a a seegetsweng kwa thoko mo sebakeng sa dikgwedi go lebeletswe gore a tiro e e dirilweng ga e supe dipe dikai tsa go sa direga sentle, e re fa dile teng mong wa kontereka a kopiwe go baakanya, mme fa di se yo nako e wetse, a fiwe madi a a setseng ao.

Bontsi jwa ditsela go lebega di wetse go dirwa mo dikgaolwaneng tsa bokhanselara.

Mopalamente Goya o ne a tsamaisiwa le ditsela tsotlhe go di sekaseka, mme a supa fa dingwe di setse di supa di sa direga, a tlhalosa fa a bona go le mosola gore gongwe go itebaganngwe le ditsela pele di wediwe, tse dingwe jaaka maobo a dikgotla di tlaa bonwa morago ka madi a a ya go tla ngwaga le ngwaga.

O ne gape a re khansele e tsibogele go dira ditiro tseo ka nako gore madi a seka a fitlhelana.

Rre Goya o ne a supa fa a na le keletso ya gore go nne le lefelo la morafe la itshidilo mmele le la  disupiwa tsa banana.

O ne a fa mokwaledi le molaodi kgang eo go e kopanela le ba kabo ditsha go sekaseka mafelo a a bulegileng mme a se mo tirisong.

Go ne ga senoga fa bangwe ba beng ba dikonteraka go lebega ba adimile tshwene marapo le fa banana e le bone ba lelang thata ka gore dikonteraka tsa bone tse dinnye ga di fiwe ditiro.

Madi a monongwaga go tlhalositswe fa go ya go tla sephatlo pele, mme e re ditiro tse di se kopetsweng di wela ke gone go kopiwe a a setseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 Jul 2018