Breaking News

Phitlho ya segologolo e ka fokotsa ditshenyegelo

26 Jul 2018

Mo malatsing a segompieno, loso ga lo tsise fela kutlobotlhoko ya go latlhegelwa ke mongwe mo lwapeng, mme lo tlogela ba ba latlhegetsweng ba tlhotlhoregile dipata, e bile gongwe ba le mo dikolotong.

Gantsi fa loso lo tlhaga, ba lolwapa ba ema ba le nosi go dira tsotlhe go balelwa le go fepa morafe o o tsileng go gomotsa ka dijo pele le morago ga phitlho.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi wa pele kwa lekgotleng la Tatitown la Setswana Mme Ludo Mosojane a tlhalosa fa go boela kwa tsamaisong ya phitlho ya maloba go ka fokotsa ditshenyegelo tsa malatsi ano.

O tlhalositse fa bogologolo go ne go sa jewe thata mo losong jaaka gompieno.

A re go ne go jewa nama ya kgomo ya mogoga e e neng e se ntsi, gape e sa lokwe, go gakolola batho gore ba phuthegetse loso e seng mokete.

Mme Mosojane o kgadile ditee tse di nowang masigo mo dintshong, bogolo jang ka letsatsi la tebelelo.

A re ke go okeletsa ba ba latlhegetsweng morwalo, mme a re mo godimo ga moo, loso lo ne lo tsaya letsatsi le le lengwe fela.

A re mo malatsing ano, bokete jwa ditshenyegelo mo losong bo beilwe mo go ba lolwapa lwa moswi, a tlhalosa fa mo malobeng morafe o ne o kgobokanya go thusa.

“Mo segompienong o kare go a gaisanwa mo dintshong ka batho ba batla go bonwa gore ba ka kgona go tshwara phitlho ya manobonobo,” ga gatelela Mme Mosojane.

O ne gape a re mo dintshong tse dingwe, bangwe baruti ba kgona go rekwa ka madi gore ba tsamaise merapelo le phitlho, mme a kgala selo se.

A re ke matlhabisa ditlhong ka barongwa ba Modimo ba tshwanetse go thusa setšhaba kwa ntle ga tuelo epe.

Gape o gateletse fa mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko o le lolea mo dintshong tsa segompieno ka e bile go ithaopa go se motlhofo.

A re diphiri tse di epang mabitla mahala ga di sa tlhole di bonala sentle mo segompienong, mme se se felela se baka gore ba ba latlhegetsweng ba thape katakata go epa lebitla.

O ne a kgala dilo di tshwana le bogodu mo dintshong, bogolo jang jwa dijo, le maitsholo a a makgapha a a dirwang ke banana ba e reng ba tswa majalweng masigo ba bo ba tsosa tlhakatlhakano mo dintshong.

A re selo se ga se supe setho gotlhelele.

Mo go tse dingwe, Mme Mosojane o ne a kgala kapari ya bomme mo dintshong ya go apara bokhutshwane, a tlhalosa fa go tswa Goo-Lowe e le moila gore mosadi o ka apara jalo mo phitlhong kgotsa diphuthego.

O konoteletse ka go tlhalosa fa go le botlhokwa gore loso lo ilelwe le gore meila yotlhe ya lone e salwe morago, gore seriti sa lone se boele, mme batho ba kgone go lo tlotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 26 Jul 2018