Breaking News

Morafe o batla tsela

26 Jul 2018

Banni ba metse ya Kaudwane, Salajwe le Sorilatholo ba kopa gore ditsela tsa Letlhakeng/Kaudwane le Khudumelapye/Sorilatholo di tshelwe sekontere.

Ba buile jaana mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone e bile e le tona wa thuto e kgolwane, maranyane le dipatlisiso Rre Ngaka Ngaka bosheng.

Fa a amogela baeng kwa phuthegong, Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane o ne a tlhalosa fa matshwenyego a bone a matona e le letlhoko la tsela, mme ba sale ba bua ka yone bogologolo.

Fa ba tswa la bone, banni ba supile fa terata ya lefelo la diphologolo e ole mme e tlhoka go tsosiwa, ba kaya fa go dira jalo go ka fokotsa dikgang tsa go batla go atswiwa fa diphologolo di ba jetse loruo.

Ba supile gape fa dikgomo tsa bone di gobeya fa gare ga motse mme se se baka gore di tsenwe ke bolwetse jwa mabele.

Ba kopile gore ba okelediwe lefatshe ka jaana ba le fa gare ga didiba le kampa ya diphologolo, mme ba tlhoka fa ba ka ruelang teng.

Bangwe ba ne ba supa fa ba itumelela mafoko a mopalamente ba supa fa ka dinako tse dintsi e le a a agang.

Kwa Salajwe gone, Kgosi Wetsho Gobusang o ne a supa fa bogodu jwa loruo bo ba apesitse kobo ka letshoba mme sebe sa phiri e le gore mapodisi a Takatokwane a tlhoka dikoloi.

Mongwe wa bana ba ba neng ba amega mo kotsing ya Matsha, Tshepo Matheatau, o ne a tlhalosa fa puso e sa ba thusa ka sepe fa e sale ba amega mo kotsing eo.

Kwa Sorilatholo gone, ba ne ba lela ka motlakase o ba neng ba o solofeditswe mme jaanong o tsene ka ga re itse.

Rre Ngaka o ne a supa fa lephata la gagwe le itebagantse le go duelela bana go ithutela ditiro.

O supile fa bana ba ba duelelwang e le ba ba dirileng dintlha tse di masome a mararo le borataro go ya kwa godimo, a bo a rotloetsa bana go tlatsa dintlha tsa bone fa ba batla gore puso e ba duelele dikole.

Fa a ama kgang ya tsela, tona o supile fa kgang e e sa mo robatse, a supa fa a kile a tsisa Tautona Mokgweetsi Masisi kwa Khudumelapye ka kgang e fa a santse e le mothusa tautona, a bo a tlhalosa gape fa tautona wa pele Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama le ene a ne a kile a ya kwa motseng oo mabapi le kgang e.

O tlhalosistse fa motlakase wa Sorilatholo o ne wa seegelwa kwa thoko ka ntlha ya tlhaelo ya madi, mme a ba kopa go nna pelotelele ka jaana o tlaa tsenngwa fa madi a bonala.

Mo go tse dingwe, Rre Ngaka o ne a tlhalosa fa a itumedisiwa ke maduo a sekole se sebotlana sa Sorilatholo, a bo a supa fa se se raya gore batsadi ba na le seabe mo thutong ya bana.

O ba kopile go rotloetsa bana le fa ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 Jul 2018