Breaking News

Banana ba itshetsa ka tiro ya diatla

25 Jul 2018

E re ka e le maiteko a puso go ntsha Batswana mo lehumeng la nta e tshetlha, banana ba Kanye ba kgotla ya Mmamokhasi ba itshetsa ka tiro ya diatla.

Rre Morapedi Bosigo yo o dingwaga tse di masome mabedi le motso o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA fa ba itshetsa ka tiro ya go kwala ka moroko mo dilwaneng di tshwana le dikipara, mebese, dikopi, marokgwe le go kokometsa setikara mo dijanaleng.

O tlhalositse fa tiro e, a e tshwaraganetse le mogolowe ebong, Rre Kago Kgomotso yo o dingwaga di masome mararo le boraro.A re ba e simolodisitse ka 2013 a dira mophato wa boraro kwa  sekoleng se segolwane sa Ngwaketse.

Rre   Bosigo a re o feletse ka mophato wa botlhano mme e ne ya re go fetseng sekole ga gagwe a tsweledisa tiro ya diatla e a saleng a e simolola a dira mophato wa boraro ka o ne a lemogile gore tiro ya diatla e botlhokwa mo dipakeng tsa segompieno ka lefatshe la Botswana le lebaganwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditiro.

A re tiro e, e tsisitse pharologanyo e kgolo mo matshelong a bone ka ba kgona go itshetsa. 

O ne a tlhalosa fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le go tsaya nako kwa Gaborone ba ile go gatisa mekwalo mo dilwaneng ka mola o a bo o le moleele.

A re go fetoga ga loapi go a ba ama ka fa go le dipula ga ba kgone go isetsa bareki dilwana tsa bone ka nako e ba e dumalaneng ka ba a bo ba dirisa dipalamo tsa setshaba.

O kaile fa kgwebo ya bone e na le dipoelo tse di nametsang go na le fa ba simolola go rekisa ka jaanong Batswana ba setse ba itse ka leina le ba gwebang ka lone gape ba supa fa ba kgatlhegetse tiro ya bone ka ba tla go reka ka bontsi.

Rre Bosigo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba dirisa maranyane a tshwana le Facebook go ipapatsa.

A re ba tsena ntlo le ntlwana ba bapatsa dilwana tse ba di rekisang.

O ne gape a re ba ipapatsa ka go apesa badiragatsi ba ba itsegeng gore ba rekise leina la bone la kgwebo e bong Lemonka.

O tlhalositse fa kgwebo ya bone e sena barotloetsi mme e simolodisitswe fela ka go kopanya lemme le ba neng ba na le lone ene le mogolowe.

A re mme seo ga se ise se ke se ba kgobe marapo ka ba amogela thotloetso mo masikeng le ditsala.

A re ba setse ba kile ba apesa ditlhopha tsa kgwele ya dinao paka ba e kwadile letshwao la bone.

O ne gape a re ba kile ba apesa setlhopha sa bodiragatsi se se ipitsang Amanandos le mogasi wa lenaneo la The Loop mo setshwantshong sa motshikhinyego sa Botswana Television mo kgasong ya Pula Power, e bong Kefilwe Reetsang.

A re mo nakong ya gompieno ba mo ditumalanong tsa go apesa setlhopha sa psycho Kings lobaka lwa dikgwedi tse thataro mme e tlaa re morago ga moo ba simolole go ba apesa ka madi.

O gakolotse banana ka ene go itse fa thuto e se ya go bala le go kwala fela mme ya diatla e le molemo mo nakong ya gompieno e banana ba leng mo kgwetlhong e tona ya letlhoko la ditiro.

Rre Bosigo o rotloeditse banana go ema ka dinao go dirisa mananeo a puso go itshetsa le go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 25 Jul 2018