Lerato le keletso ya go dira di aga kgwebo
25 Jul 2018
Go nna le lerato, keletso ya go dira ka manontlhotlho le go ntsha maduo ke dingwe tsa dilo tse di agang kgwebo gore e atlege.
Se se ne se buiwa ke Mme Estere Onius wa Moroka yo o itshetsang ka go roka mesese ya Setswana mo potsolotsong le BOPA.
A re fa o ititeile sehuba o ka kgona go nna mogwebi wa popota e bile o ratwa ke bareki, e le ka ntlha ya tiro e ntle e o e dirang.
O ne a tlhalosa fa a sa ithutela go roka kwa sekoleng mme a ne a kgatlhegela go roka fa a ne a bona motsadi wa gagwe a roka mme a felela a nnile le kitso ya go roka.
A re go gola mo lelwapeng le go nang le moroki go ne ga mmetla ka a ne a anywa kitso le bokgeleke jwa go roka kwa ga bone.
E rile ka 2011 a simolola go ikemela ka dinao a ipulela kgwebo a simolola go roka mateisi.
A re le ntswa kgwebo ya gagwe e le kwa Francistown, bokgeleke jwa gagwe bo ne jwa dira gore a kgone go nna le bareki ba bantsi go dikologa toropo le go fitlha kwa Gaborone tota.
Mme Onius a re bareki ba ne ba kgatlhegela tiro ya diatla tsa gagwe mme a simolola go nna a tla kwa Gaborone kwa a tlang teng ka mafelo a beke le ka mafelo a kgwedi go tla go ipapatsa.
A re go rekisa phatlalatsa kwa mmolong wa Railpark go ne ga mmerekela ka gore o ne a kopana le batho ba ba farologanyeng ba ba rotloetsang kgwebo ya gagwe.
Mme Onious a re le mororo a simolotse kgwebo ya gagwe ka bonnye jo a neng a na le bone, o ne a leka mananeo mangwe a puso a a akaretsang la banana le la nyeletso lehuma.
A re o ne a seka a thusiwa ke lepe la mananeo ao mme se se ne sa seka sa mo kgoba marapo go tswelela ka kgwebo ya gagwe.
“Le fa ke ne ke sa thusiwa ka mananeo, ke ne ka tswelela le tiro ya me e e ntshetsang ka ke na le lerato mo go yone,” ga bua Mme Onius.
A re se se ne sa mo ruta gore katlego ga e a ikaega fela ka dithuso le mananeo a puso, e ikaegile ka lerato mo go se o se dirang.
Ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone, Mme Onius a re le ene o ne a kopana le dikgwetlho mme ga di mo itse go ntsha maduo mo tirong ya gagwe.
A re nngwe ya kgwetlho tse a kopanang le tsone ke ya go reka didirisiwa tse a di dirisang di tshwana le matsela kwa ntle ga Botswana mme ka nako tse dingwe go kgona go fitlhela kwa a rekang teng a fedile.
A re seo e nna poelo morago ka a tlaa bo a sa kgone go ntsha maduo mo tirong e bile a sa kgone go dira ditsholofetso tsa gagwe mo bareking ba gagwe.
A re kgwetlho e nngwe e a nang le yone ke ya ditlhwatlhwa ke di kwa godimo tsa phiriso ka dinako tse dingwe ga a bone dipoelo.
Mme Onius o ne a rotloetsa banana go ikemela le go itshetsa ka botswerere jo ba bo filweng ke Modimo go ipetlela bokamoso.
A re ba seka ba ikaega fela ka puso go ba tlhamela ditiro mme ba ikemele ka dinao go itshetsa ka letlhoko la ditiro le ile magoletsa e bile go itirela ka diatla go le monate. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 25 Jul 2018



