Komiti ya Somerset Botlhaba e lebogela go agelwa diofisi
25 Jul 2018
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Somerset Botlhaba kwa Francistown, Rre Molaodi Maiketso a re ba lebogela kago ya diofisi tsa komiti ya bone.
Diofisi tse ba di agetswe ke khansele ya Francistown ka fa tlase ga lenaneo la madi a ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi.
Rre Maiketso o ntshitse malebo ao mo potsolotsong le BOPA bosheng, a supa fa e ne ya re mo kopong ya khansele gore dikgaolwana di tswe ka megopolo ya ditlhabololo tse ba eletsang go di direlwa ka madi a ditlhabololo, morafe wa Somerset Bophirima wa dumalana ka go agelwa diofisi.
A re tumalano ya kago ya diofisi tse e ne e le ka lebaka la gore e le ba komiti e e eteletseng ditiro tsa ditlhabololo tsa kgaolo, ba ne ba sena lefelo le ba direlang ditiro le dithulaganyo tsa kgaolo mo go lone.
A re komiti e direla ditiro tsa kgaolo jaaka diphuthego le phiro ya babereki ba Ipelegeng mo malwapeng, selo se a tlhalositseng fa se sa jese diwelang.
Jaanong ka ba agetswe diofisi tsa dikamore tse pedi le matlwana a boitekitso a mabedi, Rre Maiketso a re di tsile go ba thusa go dira ditiro tsa bone ka manontlhotlho.
Go sa le foo, o ne a tlhalosa gape fa ka madi a ba tlhabolola ditsela tse di mo kgaolong ka go di tsenya ditena, a bolela fa ba tlaa ipelafatsa ka ditlhabololo tseo.
O bile a leboga thulaganyo ya madi a ditlhabololo tsa dikgaolo, a re e tsile ka nako e e maleba go thusa go dira dingwe tsa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago.
Rre Maiketso a re o leboga khansele ya Francistown go ba e tsweletse ka go tlhabolola mangwe a mafelo a toropo a a sa dirisiweng gore a tsene mo tirisong go na le gore a ije hela.
O tlhalositse fa ditiro tse tsotlhe di diragadiwa sentle ka nako e di e beetsweng.
A re di mo seemong sa go ka wediwa.
Fa a mo kgwa dikgaba, motshwara madi, Rre Binikwa Thamani o tlhalositse fa se se molemo ka ditiro tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana e le gore di dirwa ka tsela e e thusang go tlhabolola matshelo a banni ba kgaolo.
“Gone fa re bua jaana tiro e e akareditse rakonteraka wa kgaolo ya Somerset Botlhaba e bile e thapa banni ba kgaolo e.”
Rre Thamani a re go bo ditiro tsa bone di tsweletse sentle ke ka ntata ya tshwaragano le therisanyo e e nitameng gareng ga bone e le baeteledipele le banni ba kgaolo.
O ne a tlhalosa fa sengwe le sengwe se le motlhofo go dirwa fa morafe o berekisanya sentle ka popagano le therisanyo le khansele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 25 Jul 2018



