Breaking News

Mpepa e rotloetsa bomme go tsaya mananeo

25 Jul 2018

Batswana ba gatetse pele ka go dirisa mananeo a puso a a farologanyeng go bula dikgwego.

Bangwe ba ba filweng madi a lephata la bong go bula kgwebo ya go roka kwa Molepolole ba Mpepa Textiles, ba rotloeditse bomme ba bangwe go tsaya mananeo a Gender Affairs go intsha mo lehumeng.

Ba re bomme ke bone ba ba kokonelwang ke lehuma thata, ka jalo go botlhokwa gore ba bule dikgwebo gore ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone, bogolo jang ka mo nakong ya gompieno go se motlhofo go bona tiro.

Bomme bao, ba ba ikopantseng ba le bane, ebong Bogadi Nkonyane, Keitumetse Leririma, Tebogo Tselaemang le Keatametse Leririma, ba re ba filwe P247 000 ka 2015 go bula kgwebo ya go roka.

Mo potsolotsong le BOPA, ba kaile fa ba ne ba reka metshine e e rokang ka madi a ba a filweng.

Ba re mo nakong ya gompieno, ba roka kapari ya dikole, dikomponi le go segela batho ka bongwe ka bongwe.

Mme Tselaemang, yo o dingwaga di masome marataro le bone, a re ene o tswa kgakala a roka ka a kile a bereka mo dikomponeng tsa go roka.

A re nngwe ya dikomponi tse a berekileng kwa go tsone ke ya BUA FELA kwa a neng a ithuta botsipa jwa go roka teng.

O tlhalositse fa kgwebo ya bone e tsweletse sentle, ka ba kgona go duela madi a phiriso ya lefelo la madirelo, motlakase le metsi ga mmogo le go ituela.

A re e re ntswa madi a ba ituelang ka one a le kwa tlase, ba itumelela gore ga go tshwane le fa ba kabo ba le kwa lwapeng go sena se ba se dirang.

O ne a tlatsa ka go re gape fa ba sena go ituela jalo, bontlha bongwe jo ba bo boneng mo dipoelong ba bo boloka kwa polokelong.

A re madi a teng ba tlaa a dirisa nako e kgwebo e ka kopanang le mathata a tlhaelo ya madi.

Bomme bao, ba re dipoelo tse ba di bonang di ba tiisitse moko gore ba tswelele le tiro ya bone, ka jalo ga go motlhofo gore ba kgobege marapo.

Le fa ba tsweletse sentle, ba re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le kgaisanyo e e kwa godimo ya baroki, bogolo jang ka dipalo tsa baroki di le kwa godimo.

Ka jalo, ga go motlhofo go dira dipoelo tse di nametsang.

Kgwetlho e nngwe ba re ke mabentlele a batswakwa a mantsi a le one a rekisang diaparo tsa dikole ga mmogo le mateisi, ka jalo a isa kgwebo ya bone kwa tlase ka gore bareki ba reka koo ba re ba lebile ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

Ba kopile khansele go fa baroki ba ba filweng madi a mananeo dithendara jaaka puso e rotloetsa gore ba kgone go tsosa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 25 Jul 2018