Breaking News

Maina a ditsela ke dikaedi tse di botlhokwa

24 Jul 2018

Motshwarelela bogosi jwa Hukuntsi, Kgosi Merapelo Tsweneyagae a re maina a ditsela a dira gore go nne motlhofo go itse le go kaya mafelo.

O buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng e maikaelelo a yone e neng e le go buisana ka maina a ba eletsang a ka dirisiwa go bitsa ditsela go ralala motse.

Kgosi Tshweneyagae a re seo se tsile go thusa thata ka nako ya fa motho a tlhoka thuso ya potlako, ka maina jaaka dikaedi a tlaa dira gore thuso e goroge ka bofefo.

A re maina a ditsela a ka thusa fa go ka diragala gore poso e isiwe kwa malwapeng go na le go e latela kwa mabokosong a poso jaka e le tlwaelo.

O rotloeditsa banni go tswa ka maina a ba eletsang a ka dirisiwa mme a gatelelela gore go ntshiwe maina a a tlhapileng go sena matlhapa.

Maina a re e nne a a nang le bokao mo setshabeng jaaka a a supang ka fa ba tshelang ka teng kgotsa maina a bagaka ba pele ba ba sa tlholeng ba le mo botshelong.

Fa a tswa la gagwe, mothusa motshwarelela kgosi, Kgosi Molaodi Leipego o gakolotse gore go akarediwe batho botlhe mme go boelwe kwa dikgotlaneng go buisana gore ope a seka a tsoga a re o tlogetswe kwa ntle kana o tseetswe ditshwetso.

O gateletse botlhokwa jwa go dumalana ka maina a ba eletsang a ka dirisiwa ntle le dikgopi dipe mo go ba bangwe.

Rre Gospel Mthetho go tswa kwa khanseleng-potlana ya Hukunsti a re setshaba se tshwaragane se bo se dumalana mo maineng a ba a eletsang.

A re go botlhokwa gore go salwe morago ditsetlana tse di beilweng ke lephata la dikgaolo, go tlhomamisa gore ga ba fapaane le tsamaiso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thomo Kebadireng

Location : HUKUNTSI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 24 Jul 2018