Go thujwa ga matlo go a tshwenya
24 Jul 2018
Bogodu jwa go thujwa ga matlo go tshwentse mapodisi kwa Kanye.
Se se boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Sejelo kwa Kanye, Superintendent Mogomotsi Matlapeng mo potsolosong le BOPA.
Superintendent Matlapeng a re go tswa kgwedi eno e le 13 go tsena e le 20, go thubilwe matlo ga bo ga utswiwa mo dikgotleng di le mmalwa tsa kgaolo ya gagwe, di akaretsa Kgwakgwe, Mathubapula, Sekokotla le Motlhala.
A re go thujwa moo, go ne go dirwa bosigo beng ba robetse mme e re ba tsoga, ba fitlhele dithoto tsa bone di seyo, a re go ne ga utswiwa dithelebishini tsa mofuta wa plasma di supa, tsa madi a selekanyio sa P39 000.
Superintendent Matlapeng o tlhalositse fa dirukutlhi tseo, di ne di tlhasetse malwapa a matona, a a nang le matlo a matlhabaphefo a matona mme a sena ditshipi tsa tshireletso.
O tlhalositse fa go sa tshwarwa ope mabapi le borukutlhi jo mme mapodisi ba santse ba le mo patlong ya dirukutlhi.
A re mo go one malatsi ao, go ne ga utswiwa dikgetsana tsa semente di le 31 kwa kgotleng ya Kgwagwe mme ka thuso ya setshaba, dikgetsana tseo tsa bonwa.
Superintendent Matlapeng o ikuetse mo setshabeng go tlhokomela dithoto tsa bone ka dinako tsotlhe.
A re ba tsenye dishipi tsa itshireletso le go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhI. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2018



