Breaking News

Go senya megala ya ditlhaeletsanyo ke molato

24 Jul 2018

Mogolwane wa kanamiso mafoko wa koporase ya Botswana Telecommunications Corporation, Rre Golekanye Molapisi a re go senya didirisiwa tsa megala ya ditlhaeletsano ke molato.

O gakolotse gore setshaba se leke go dirisana le ba molao go lwantsha borukutlhi jo.

O tlhaloseditse BOPA fa megala e e duelelwang e sa tlhole e le mo tirisong ntateng ya ditlhabologo tsa go nna teng ga megala ya letheka. 

A re nako ya tiriso ya megala e e duelelwang, e ne e le go fa Motswana yo o senang mogala wa kwa lwapeng go ka buisana le ditsala le masika le go e dirisa mo dinakong tsa fa ba tlhoka thuso ya potlako.

O tlhalositse fa tshenyo ya megala e, e ne e ile magoletsa.

Rre Molapisi a re le fa megala e e duelelwang e sa tlhole e dirisiwa, go botlhokwa gore didirisiwa tsa teng di seka tsa senngwa ka go dirisiwa madi a mantsi go leka go tlhabolola Batswana mme sebe segolo ke gore bangwe ba na le go senya didirisiwa di tshwana le megala e e anamisang ditlhaeletsanyo mme seo se busetse maiteko a puso morago.

O supile fa mo nakong eno, ba leka go anamisa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go ralala lefatshe, a kaya fa ba leka ka bojotlhe gore batho ba kgone go gokela enthanete mo malwepeng gore ba akola tiriso ya maranyane a segompieno le gore ba akole enthanethe motlhofo mo megaleng ya letheka.

 Rre Molapisi o kopile Batswana go babalela didirisiwa tse di tlhabololang matshelo a bone, a supa fa ntle le ditlhaeletsano, go ka nna thata go tshwaragana le mapodisi kana bongaka ka nako e go tlhokegang thuso ya potlako.

O rotloeditse setshaba go lwantsha borukutlhi jo bo atileng jwa go utswa megala ya kopore e e dirisiwang mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 24 Jul 2018