O itshedisa ka matlhawa
24 Jul 2018
Seane se se reng mmatla kgomo kodumela o etse mhata sediba, ga se na bokao jo bo kalo mo bathong ka bontsi.
Mme mo go Mme Seteng Mothonyana wa Tonota, yo o itshetsang ka go rekisetsa barui matlhawa, ga go na botshelo ntleng le bokao jwa sone.
Mme Mothonyana o na le dingwaga di le masome marataro le bobedi, mme o rwala masigo ka tlhogo go huhumela ditlhare tsa mesu, meselesele le maphane go gogobela matlhawa le digagabi a sa di tshabe.
A re o ne a fiwa dipodi tsa nyeletso lehuma ka 2015 mme o ne a aga a di gogobela matlhawa a a tlhalositseng fa di a rata e bile a na le dikotla.
A re o ne a tlelwa ke mogopolo wa go rekisa a mangwe go bona dithebenyana.
“Ke ile ka lemoga gore thuo ya dipodi ga e bogadi bo gaufi ka podi e tsala ga bedi mo ngwageng le gone ke ne ke tsaya lebaka ke sa di rekise mme ka bona go le botoka go tswa ka leano la go itirela dithebenyana,” Mme Mothonyana a tlhalosa.
A re lebaka le lengwe le le dirileng gore a rekise matlhawa ke go bo botsogo jwa gagwe bo ne bo sa nametse, mme a ne a sa tlhole a kgona kwa Ipelegeng.
A re o thuswa ke ngwana wa ngwana wa gagwe wa mosetsana.
A re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, go ne go se motlhofo fa a simolola mme jaanong theko e a nametsa.
A re o simolotse a sikara dikgetsi tsa matlhawa go di isa kwa tseleng ya sekontere e e ralalang Tonota, kwa dikoloi di neng di ema go reka matlhawa a gagwe, mme ya re go ntse go tsamaya, bareki ba gagwe ba simolola go mo latela kwa lwapeng, selo se se neng sa tlhofofatsa thekiso le go mo fokoletsa tiro.
Mme Mothonyana a re o rekisa kgetsi ya 12.5kg P10 fa 50kg e le P40.
A re o kgona go dira madi a a fetang a a neng a a berekela kwa Ipelegeng go menagane.
A re se se monate ka kgwebo ya gagwe ke gore ga go tlhoke boitseanape bope, motshine ope kgotsa madirelo.
A re ga a tlhokane le kolotsana e e rwalang matlhawa fa a ya go a rekisa ka a se bokete mme o reka dikgetsi tse di a tsenyang madi a a kwa tlase fa tse dingwe a di itshelela fela. O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e dira sentle.
A re o rekisetsa barui ba Tonota le metse e e mabapi le ba ba tswang kgakala tota.
A re kgwebo e dira sentle mariga ka matlhawa a a bo a le mantsi e bile a omile.
Mme Mothonyana a re ga gona kwa a bapatsang kgwebo ya gagwe teng fa e se fela gore gore bareki ba gagwe ba thusa go bapatsa kgwebo e ka go bolelelana ka yone, mme se se mo tlisetse bareki ba basha.
A re diemo tsa loapi ke dingwe tsa dikgoreletsi mo kgwebong ya gagwe.
Mme Mothonyana a re bontsi jwa batho ba akanya dilo tse di thata go ka itshetsa mme ba bapile le dilo tse go ka nnang motlhofo go itshetsa ka tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Festus Outule
Location : TONOTA
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2018



