Dikgoreletsi tse di kgobang marapo di tlaa tlosiwa
24 Jul 2018
Ditsetlana dingwe tse di ntseng di kgoreletsa bagwebi ba mafatshe a sele mo Botswana di tlaa ntshiwa gore ba wele dibete fa ba le mono.
Se se builwe ke tona wa merero ya setshaba, mesepele le bong, Mme Dorcas Makgato kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami bosheng.
A re bagwebi ba nna le letshogo ka ba sa itse gore e tlaa re morago ga ngwaga tse tlhano ba bo ba le fa kae.
Mme Makgato a re go tlaa baakanngwa tsetlana e gore mogwebi yo o ntseng a gweba mono e bile a itsewe, a fiwe tetla ya go nnela ruri mo lefatsheng leno go na le gore morago ga ngwaga tse tlhano a bo a kopa go nna mo lefatsheng leno.
A re mogwebi yo e leng gone a dirang kgwebo mono, o tlaa kanokwa mme le ene a fiwe tetla ya go nna mo lefatsheng leno.
Batswana a re ba seka ba tsenwa ke tsebetsebe ka gore go tlaa salwa molao morago e bile go tlaa dirwa tse di maleba.
Kgang e nngwe e e tlaa tsibogelwang a re ke nako e e tsewang go kopa go nna mo lefatsheng leno ke bagwebi.
A re go tlaa fokodiwa dikgwedi gore mogwebi a seka a itlhoboga.
Mme Makgato a re diphetogo tse, di tlaa thusa go ngoka bagwebi go tla mono ba sa tshabe sepe gore ba direle Batswana ditiro.
A re diphetogo tse di tlaa dirwang, di tlaa dirwa go setswe ditsamaiso morago.
A re ke dingwe tsa dikgoreletsi tse di ntseng di kgoba bagwebi kana babeeletsi marapo go gweba mono. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 24 Jul 2018



