Breaking News

Palamente e dumalane ka molao wa kotlhao ya ditagi

23 Jul 2018

Mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay a re Palamente e e sa tswang go fela e dumalane ka molao wa gore fa motho a tshwarwa a rekisa ditagi, a atlholwe P1 million kana dingwaga tse di masome mabedi le botlhano mo kgolegelong.

Rre Kablay o boletese jaana a lekodisa batlhophi ka tsa Palamente e e fetileng, a tlatsa ka go re diritibatsi di apesitse Botswana kobo ka letshoba.

Mopalamente o tlhalositse fa thitibalo e Batswana ba neng ba itsewe ka yone e fetogile ka go tletse dintwa le dipolaano, mme bontsi bo bakiwa ke badikgwebo ba ba sa obameleng dinako tsa thekiso le diritibatsi tse di rekisiwang e se ka fa molaong.

O tlhalositse gape fa Palamente e buisane ka molao wa gore di Trust tsotlhe di kwadisiwe di bo di laolwe ke Master of High Court, ka puso e lemogile fa batho bangwe ba ikhumisa ka tsone, a tlatsa ka go re fa molao o sena go tsena mo tirisong, Trust nngwe le nngwe e e tlaa fitlhelwang e sa ikwadisa e tlaa atlholwa madi a a sa feteng P20 000 kana kgolegelo ya dingwaga tse pedi. 

Mopalamente Kablay o boletse fa puso gape e phimotse kgang ya gore motho a tle ka batho ba le bararo ba ba mo fetang ka dingwaga tse di lesome fa a batla go dira karata ya Omang, ka se se ne se dira gore batho ba ba dingwaga di kwa godimo ba palelwe ke go dira dikarata ka jaana bagolo ba tlhokafetse ka bontsi.

O boletse gape gore madiadia a a neng a le kwa lephateng la Omang a rarabolotswe, a supa fa lephata le rekile didirisiwa tse disha go tsweledisa tiro.                                                        

Fa a ama lephata la banana, mopalamente o ne a tlhalosa fa mo kgaolong le fiwa P2 million ka ngwaga mme ba setse ba supile fa madi a a sa lekana kgaolo.

Mopalamente Kablay o supile fa puso e tlhofofaditse tsela ya go tsaya visa, le go tseela batho masimo, mme maikaelelo e le go thusa batho go rema masimo gore ba tle ba leme ba ntshe dijo tse di lekanyeng.

Rre Kablay o ne a rotloetsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go shafatsa dikarata tsa Omang gore ba tle ba kgone go ikwadisetsa ditlhopho.

Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara wa pele wa Moshaweng, Rre Moffat Gopadileng, o ne a supa fa ba itumelela gore puso e tsaya kgato go busetsa dilo mannong.

Mo go tse dingwe, Rre Gopadileng o ne a ntsha matshwenyego a gore ditagi di bonala thata kwa dikoleng, mme a kopa puso go tsenya leitlho thata teng.

Mokhanselara wa pele wa Letlhakeng Bokone Rre Jacob Lebeko o ne a lebogela tiro e e dirwang ke mapodisi ya Operation Kgomo Khumo.

Rre Lebeko o supile fa ba ne ba solofetse gore sepatela se tlaa agwa monongwaga, mme  a ntsha matshwenyego a gore ditshupo tsa kgaolo ya Letlhakeng di eme ka ntlha ya gore ga ba na lebala ka le sutetse kago ya sepatela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 23 Jul 2018