Kgang ya lefatshe e matswakabele - Makgato
23 Jul 2018
Tona wa merero ya setshaba, mesepele le tsa bong, Mme Dorcas Makgato a re dikgang tsa lefatshe di tlhokana le gore di tsewe ka manontlhotlho ka di kgona go lotlhanya merafe.
A re dikgang tsa lefatshe ke tsone mo lefatsheng ka bophara di lotlhanyang batho, ka jalo ga di a tshwanela go tsewa motlhofo.
Mme Makgato o ne a tsibogela mafoko a Kgosi wa Pilikwe Kgosi Gasebalwe Seretse kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng.
Kgosi Seretse o ne a re ga a itumedisiwe ke lekgotla la kabo ditsha la Sefhare le a neng a bolela fa le sa tsamaise dilo dingwe sentle mo motseng.
Kgosi Seretse o ne a re go na le dingwaga go ntse go na le dikgang tse di amang ba kabo ditsha mo motseng di tshwana le tsa go abela batho ba feta bongwe setsha se le sengwe e bile di ama ba motse wa gagwe, Mhalapitsa le wa Lecheng.
A re ba kabo ditsha ba itse selelo sa gagwe mme ga ba dire maiteko ape a go kopana le ene mme seo se tlaa felela se bakile tlhoka kutlwisisanyo
A re go a gakgamatsa gore go bo go na le tlhakatlhakano eo mme metse e e amegang e le kgakala le motse wa gagwe.
A re bangwe ba kgona go bewa mo Pilikwe mme go twe ba beilwe mo Mhalapitsa kana Lecheng.
A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya boradikgwebo ba ba batlang go bula dikgwebo mo motseng mme ba kabo ditsha ba sa ba fe ditsha ntswa di le teng.
O ne a fa sekai ka bangwe ba ba kileng ba kopa lefatshe kwa motseng wa gagwe ba re ba aga sekole mme morafe wa dumela.
A re fa ba sena go bewa bangwe ba bo ba tla ba re lefatshe ke la bone.
O ne a ikuela mo go ba kabo ditsha go ithulaganya sentle, a bolela fa dikgang tsa lefatshe di utlwisa banni botlhoko.
Mme Makgato o ne a re kgang ya Pilikwe e batla e tsibogelwa, ka jalo o ne a solofetsa banni ba Pilikwe gore o tlaa rulaganya gore ba kabo ditsha, kgosi le tona yo o maleba ba kopane go rarabolola kgang ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PILIKWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 23 Jul 2018



